Breaking News

Itse seemo sa gago

04 Jul 2017

Batswana ba kopilwe gore ba itlhatlhobele mogare wa HIV gore ba kgone go itse seemo sa bone go sale gale le gore ba tle ba kgone go tshela ba phuthologile.

 Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Wetsho Gobusang fa a amogela baeng kwa Salajwe ka Labotlhano.

Kgosi Gobusang o tlhalositse gore puso e ntshitse mananeo a le mmalwa go leka gore Batswana ba intshe mo segajajeng sa mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.

O boletse gore fa Batswana ba ka tsaya kalafi ya HIV ka fa ba laetsweng ka teng, ba tlaa fokotsa dintsho tse di diragalang gompieno mme ba tshele lebaka le le leele le gone go kgona go godisa bana.

O tlhalosistse fa basha ba le bantsi ba tlhokafatse ka ntlha ya go tlogela kalafi mo tseleng, a kopa gore ba seka ba emisa go tsaya kalafi, mme ba itsese baratiwa ba bone ka seemo sa bone.

Mogolwane go tswa kwa ofising ya tsa AIDS, Mme Oratile Abram o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo e le go gopola ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya AIDS.

 O tlhalositse gape fa ba tsibosa batho gore bolwetse jo bo santse bo le teng, le gone gore puso e fa batho dipilisi mahala.

Mme Abram o tlhalositse gore go botlhokwa go amogela ba ba tsenyweng ke bolwetse jo, a bo a kopa ba ba sa itseng seemo sa bone go tsibogela go se itse, a tlhalosa fa go le botlhokwa go tshela o ritibetse maikutlo.

O kopile ba ba tsayang kalafi go emisa go goga motsoko, a supa fa dilo tse di kgoreletsa diritibatsi go dira tiro ya tsone ka botlalo. 

E ne ya re fa a a fa mafoko a kgothatso, Father Kebaatlhotse Medupi a bala Ekesoto 15:, 26 e e reng, ‘fa o reetsa lentswe la ga Jehofa ka tlhoafalo, o bo o dira se se molemo mo matlhong a gagwe, o reetsa ditaelo tsa gagwe, ga a kitla a go naya malwetse a a a neetseng Baegepeto, go nne ke Modimo mofodisi’.

Father Medupi o ne a tlhalosa gore bolwetse jo bo ka fela, fa baruti ba ka dirisa molao wa Modimo o o mo Baebeleng le wa batsadi.

O tlhalositse fa mosimane le mosetsana ba sa tshwanela go ikopanya ba sa nyalana, a supa fa ba tshwanetse go kopanngwa ke moruti ka lenyalo kana molaodi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SALAJWE

Event : Phuthego

Date : 04 Jul 2017