Motheo wa malwapa o ka aga kereke
04 Jul 2017
Mopalamenete wa Thamaga/Kumakwane, Rre Tshenolo Mabeo a re motheo o o tsepameng wa malwapa o ka thusa go aga tsamaiso e e lolameng ya dikereke.
E rile a bula semmuso bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa moopelo jwa dikereke tsa Bethlehem Faith Mission go tswa mo ntlheng tsa lefatshe leno bo tshwaretswe kwa Thamaga bosheng, Rre Mabeo, a re kagiso ya malwapa e ka thusa go nonotsha motheo le tsamaiso e e nonofileng ya dikereke gore go nne le lodula le thitibalo.
A re seabe sa dikereke se botlhokwa mo go tlhabololeng le go aga serodumo sa motho, a tlhalosa fa seo se ka nna le bokao jwa nnete fela fa malwapa a supega a robaletswe ke ditlhokwa go ka lere kagiso ya sennela ruri mo tsamaisong ya dikereke.
Rre Mabeo, yo e bileng e le tona wa tsa phiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso, o gateletse botlhokwa jwa go nna le thulaganyo e e tsepameng go ka betla tsela e e ka thusang mo tsamaisong .
Rre Mabeo a re e re ntswa a lemoga fa malwapa a kgona go nna le bokao jwa motia ntswa a tsamaisiswa ka boitseanape jo bo seng mo mekwalong, go botlhokwa go lemoga fa kereke e tsamisiwa ke bontsi mme e tlhoka go nna le thulaganyo e e ka thusang go goga botlhe gore go nne le bokaedi jwa nnete.
Tona o rotloeditse gore tsamaiso ya dikereke e nne le mananeo a popagano ya setshaba gammogo le go ka thusa go lwantsha botlhokatsebe jo bo apereng bontlha bongwe jwa tshaba eno, segolo bogolo banana.
Tona Mabeo o gateletse botlhokwa jwa bokopano jwa kereke ya Bethlehem kwa Thamaga a re go tlaa seke go lere fela pharologanyo mo matshelong a ba ba abetsweng, mme gape e tla nna le seabe mo go fetoleng matshelo a bangwe.
Mokwaeledi mogolo wa kereke, Rre Molatedi Semadi o gakolotse fa go amogela diphetogo go le botlhokwa mo go thuseng go gola ga kereke.
“A re amogeleng diphegoto le megopolo e mesha ka jaana di ka thusa go re tlhabololola le go thusa mo kgolong ya maloko a kereke,” ga gakolola Rre Semadi
A re dikereke di tshwanetse go lemoga fa seemo sa nako eno se tlhoka tsamaiso e e tsepameng e itebantse le ditsamaiso tsa segompieno, e dira jalo ka go gogwa ke melawana e e thusang go tokafatsa dilo.
Mangwe a matshwenyego a Rre Semadi a a supileng ke a kgolo ya seporofito se se bonalang go le gantsi mo dikerekeng gore se ka kgoreletsa kgolo ya mewa ya maloko ka jaana go le gansti se direlwa mo pontsheng go upolola diemo tse di iphitlhileng tsa batho.
Maikaelelo a thulaganyo eo go ya ka molomaganyi wa tsa moopeleo mo kerekeng ya Bethlehem, Rre Emmanuel Khudu ke go itshekatsheka le go bona ka fa seemo sa moopelo se ka tlhabololwang ka teng le gone go thusa mo thulaganyong ya go kokoanya madi go thusa mo lananeong la kago ya kereke ya Thamaga.
Thulaganyo ya letsatsi e ne ya wediwa ka go abela ba ba tlhokileng lesego dimpho tse di akatesang melora le dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : THAMAGA
Event : Moopelo wa Dikereke
Date : 04 Jul 2017






