Breaking News

Leuba le kgoreletsa thuo ya dinotshe

24 Jun 2013

Modiri go tswa kwa ofising ya dijwalo a lebagane le thuo ya dinotshe kwa kgaolong ya Letlhakeng, Rre Olefile Dikomane a re ofisi ya gagwe e bone kwelo tlase ya dipoelo mo thuong ya dinotshe mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.

E rile a bua mo potsolotsong, modiri yoo a tlhalosa fa dinotshe e le ditshidi tse di itshetsang ka go tsaya dijo tsa tsone mo dithunyeng, mme ka lebaka la leuba le le neng le apere kgaolo eo ga di kgone go dira sentle.

O tlhalositse fa ofisi e thusa batho ba ba batlang go tsena mo kgwebong ya thuo ya dinotshe ka go di ba tshwarela ba bo ba ba ruta ka fa di tlhokomelwang ka teng mme sebe sa phiri e le gore tsone dinotshe di a tlhaela mo kgaolong.   

Rre Dikomane o tsweletse ka go tlhalosa gore le ba ba di ruileng mo nakong eno ga ba kgone go tsaya  mamepe ba a rekisa ka a di a beileng di a dirisa go fitlha nako ya pula e na fa di tla a bo di kgona go ikgamela mo ditlhareng tse di thunyang, mme gape a tlhagisa ba ba mo kgwebong e go nama ba sa tsaya mamepe ka go ka itsa dinotshe go ntsha tsina ya maemo a  a siameng.

O gakolotse  barui ba dinotshe go nna pelo telele mo dinakong tse di sa direng sentle ka tsone di le bogadi bo gaufi e bile di se dingalo go ruiwa, a tlatsa ka go kopa barui go kopa dikgakololo mo balemising gore kgwebo ya bone e tsamae ka thelelo.

O tlhalositse fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ka jalo a supa fa go jesa dinotshe go rotloediwa mo dipakeng tsa leuba gore le tsone di kgone go itshwarelela.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 24 Jun 2013