Breaking News

Lenyalo ga le turu - mothusa molaodi

03 Jul 2017

Mothusa molaodi wa Kgalagadi, Rre Patrick Isaac o rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go tsena mo nyalong go ntsha tumelo ya gore lenyalo la motia ke le go dirisitsweng matshebetshebe.

Rre Isaac o buile se mo thuto sekadipuisanong e e neng e rulagantswe ke lekgotla la baruti la Kgalagadi Borwa (Minister Fraternal) kwa Tsabong bosheng, e maikaelo a yone e neng e le go tlhotlheletsa batsayakarolo ka seabe sa ga rre mo kerekeng le mo setshabeng.

Mothusa molaodi o boletse fa go reetsa dipuo tsa batho kwa ntle le go itumedisa batho e le mangwe a mabaka a a dirang gore banyalani ka bontsi ba iphitlhele ba lebanwe ke letlhoko la madi morago ga mokete wa lenyalo.

A re banyalani ba tshwanetse go tlhaloganya fa dikoloto tsa lenyalo di lebile bone, ka jalo go le botlhokwa go itekanya morwalo gore lelwapa le sale ka boitumelo morago ga mokete.

“Ke batla gore lo tlhaloganye gore botlhe ba ba neng ba tseneletse mokete wa lenyalo ka bontsi ba tlaabo ba seo fa jaanong o tshwanetse go duela molato wa gago wa dikoloto. Ke lo rotloetsa gore lo nne botlhale lo itse gore nyalo ke motheo wa Modimo le gone gore se se botlhokwa ke lorato mo lenyalong e seng go kgotsafatsa batho,” Rre Isaac a tlhalosa.

Rre Isaac o supile fa nako e ntsi mo lenyalong, borre e le bone ba tsosang tlhoka kutlwisisano.

A re borre ba na le go tsaya ditshwetso ntle le go rerisa bomme a re go santse go na le borre ba ba kgonang go rekisa dithoto tsa lenyalo ntle le go rerisa mme wa gagwe le mororo bokopano joo bo thaetswe mo lenyalong la tlhakanelo dithoto.

A re puso e ne ya dira molao wa Abolition of Marital Powers Act ka 2005 o o tlamang gore go nne le therisano pele go ka tsewa ditswetso.

Ka maswabi, bontsi jwa rre, go ya ka mothusa molaodi, ga ba sale molao o morago.

Rre Isaac o gakolotse borre go sala molao wa Abolition of Marital Powers Act morago, ka gore go dira sepe ntle le seo e le molato o o ka sekelwang.

A re borre bangwe ba na le mokgwa wa go dirisa mafoko a e seng one mo go bomme a letlhoo le lonyatso fa ba setse ba le mo nyalong.

“Dipuo tse di buiwang ke borre tsa kgokgontsho di a tshwenya. Bangwe ba kgona go raya basadi ba bone ba ba re ba ba tsere kwa batsading ba bone ba sa ineye sepe. Ke kopa borre botlhe ba ba dirang jalo go emisa se,” Rre Isaac a kgalema.

O kgalemile batsadi b aba itshunyang nko mo manyalong a bana go emisa a re fa go nang le taolo ya batsadi dinyalo tsa teng ga nke di gola.

Rre Isaac a re sephiri sa katlego ya lenyalo ke go inaakanya le Modimo le gone go dira tsotlhe tse di itebagantseng le go nosetsa lorato.

A re go ya ka ene, “Lorato ke ngwana wa ntlha wa lenyalo” ka jalo o ile a ntsha kgakololo ya gore fa lenyalo le sa robalelwa ke ditlhokwa banyalani ba tshwanetse go ikgakola se se ba kopantseng e bong lorato.

O rotloeditse banana go nyalana ka go dira jalo ba bo ba sireletsa boswa jwa bana ba bone, a gatelela fa molao wa lenyalo wa Botswana (Marriage Act) o kganela ditlhopana tse pedi go nyalana e bong balwala tlhaloganyo le motho yo o kwa tlase ga dingwaga tse di ferang bobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Kgathileng

Location : TSABONG

Event : Thuto Puisano

Date : 03 Jul 2017