Bana ba phadisanya ka bodiragatsi
03 Jul 2017
Bana ba dikole tse dipotlana kwa kgaolong ya borwa ba sa tswa go phadisanya ka moopelo, mmino, poko le metshameko ka mafelo a beke.
Dikgaisanyo tse, di ne di tshwaretswe kwa Jwaneng bosheng, mme di tseneletswe ke baithuti go tswa kwa dikoleng tse di farologaneng tsa dikgaolwana tse tlhano tsa kgaolo ya Borwa.
Mo karolwaneng ya moopelo sekole sa Goodhope se ne sa tswa bafenyi mme sa latelwa ke sa Bothakga le Motsatsing go tswa kwa dikgaolwaneng tsa Lobatse le Kanye ka go latelana.
Mo mminong wa Setswana sekole sa Khonkhwa sa Jwaneng/Mabutsane se ne sa itlhoma kwa pele mme se longwa serota ke Bothakga, fa New Look le Mafikana di ne tsa tlhakanela maemo a boraro.
Mo go tsa motshameko, sekole sa Teemane se ne sa itlhoma kwa pele ga dikole tsa Lobatse e bong sa New Look le Peleng West.
Bothakga jwa kgaolwana ya Lobatse jwa boa jwa itshupa gape fa Judy Tshonono le mma mogolokwane wa gagwe Masa Dire ba sekole sa Pitikwe ba ne ba tsaya maemo a ntlha mo pokong, mme ba latelwa ke Thabang Ramakoloi le Praise Modise ba Mmathethe le Sebako ka go latelana.
Le fa kgaolwana ya Lobatse e ne e supa bothakga mo dikgaisanong tseo ka kakaretso, dikole tse di tsereng maemo a ntlha mo dikarolwaneng ka go farologana e tlaa nna tsone fela di yang go emela kgaolo ya Borwa kwa dikgaisanong tsa makgaola kgang.
E ne e rile a bula dikgaisanyo tseo semmuso, ratoropo wa Jwaneng, Rre Obed Monkge a akgolela puso go bo e bone go le botlhokwa go tlhama lekgotla la Association of Botswana Schools Performing Arts (ABOSPA) go tsamaisa merero ya tsa bodiragatsi mo dikoleng.
A re puso ene e lemogile gore thuto ya dibuka e le nosi ga e kake ya isa lefatshe leno gope, ka jalo ya bona go tshwanela gore go dirwe sengwe se se tlaa upololang ditalente tsa bana tsa metshameko le bodiragatsi go tswa bonnyennyaneng.
A re lekgotla leo le tsweletse ka go rotloetsa le go godisa ditalente mo ebileng bodiragatsi jwa bana ba dikole bo golela pele.
A re kwa tshimologong go ne go gaisanwa mo dikarolong di le tharo fela mme go supa kgolo ka dikarolo tseo di oketsegile.
Rre Monkge o ne gape a akgola barutuntshi ba bodiragatsi a re le bone ba na le seabe se segolo mo go godiseng ditalente tsa bana.
A re go a nametsa go bona batho ba ithaopa le ka ditsompelo tsa bone go godisa bodiragatsi.
O ba kopile go tswelela ba tshwere ka natla ka jaana maduo a tiro ya bone e tlaare kgabagare a bonale. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : JWANENG
Event : Dikgaisano Tsa Dikole
Date : 03 Jul 2017






