Breaking News

Tautona Seretse e ne e le pilara ya kagiso

03 Jul 2017

Mogolo wa motse Mme Edna Monyena o tlhalositse fa tautona wa lefatshe leno wa ntlha Sir Seretse Khama e ne e le pilara ya kagiso mo lefatsheng leno le mo kgaolong ya Aferika ka bophara.

O buile se fa morafe was Ga-Mmangwato o ne o keteka letsatsi la segopotso sa ga tautona wa ntlha bosheng.

Mme Monyena o ne a re go a itumedisa go bona batho ba tsene segopotso se go ipelela mogaka wa go tshwana le Rre Seretse.

O ne a re ditso tsa Botswana ga di kake tsa felela go sa buiwe ka Tautona Seretse Khama.

Mme Monyena o ne a re tautona yo wa ntlha, o sale a itshupa fa e le moeteledipele wa boleng ka ditiro tsa gagwe ka e rile a na le dingwaga tse tlhano  a ile a apola letlapa le le neng le tshwaya tshimologo ya kokelo ya Sekgoma, a dira se go rurufatsa keletso ya ga rraagwe Kgosi Sekgoma II.

Mme Monyena a re se e ne e le ditso ka batho ba ba neng ba lebeletse tiro eo, ba ne ba lemoga boleng jwa gagwe ntswa a le mmotlana.

Sebui sa tlotla o ne a tlhalosa fa tautona yo a ne a tletse kagiso, a gakolola Batswana le balekane ba gagwe le ditautona tsa mafatshe a sele.

O mo tlhalositse fa e ne e le mochine o  e reng fa o duma ditiro tsa puso di bo di tsamaya. Mma Monyena o ne a re Tautona Seretse Khama e  ne e le monna wa megopolo, ditlhaloganyo le dikakaknyo tse di netameng.

A re e ne ya re a santse a le kwa Enyelane goromente wa ga-Mmamosaddinyana o ne a re o mo fa tiro kwa Jamaica mme a gana tiro eo, a gakolola gore e neelwe MaJamaica ka ene a na le tiro kwa Bechuanaland.

A re seo e ne e le lorato mo setshabeng sa gagwe, ka jalo a tlhoka tlotlo e e mo tshwanentseng.

Mo go la gagwe Moruti Sylvester Kaemana o ne a re lefatshe leno le ne le segofaditswe ka moeteledipele yo o tshwanang le Rre Seretse Khama, yo o neng a rata kagiso.

O ne a re motheo wa kagiso e ne e le nngwe ya dilo tse tautona a neng a dumela mo go tsone.

A re se se ne se supa gore o ne a eteletswe pele ke mowa wa Modimo.

Moruti Kaemane o ne a re Botswana o ipelafatsa ka kagiso e e thailweng ke tautona yo.

O ne a re ntswa mafatshe a mangwe a ne a lebangwe ke dikgwetlho tse di tshwanang kgokgontsho ya letso le mmala ene o ne a dumela mo kgotsong.

O ne a re a bopelotelele,kagiso le go rekegela ba bangwe e nne letshwao la Batswana.

Mo go la gagwe rangwane-a-kgosi Mokhutshwane Sekgoma o ne a re letsatsi le, ke la go itsaya  ka motlhala ka jalo le tshwanetse go fiwa tlotla e e maleba.

O ne a re dikgotla le tsone di tshwanetse go netefatsa gore di tsaya karolo mo tirong e.

O ne a re ba itshekatsheke go bona gore ba dira dilo ka fa tshiamong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : SEROWE

Event : Letsatsi la segopotso sa ga Tautona

Date : 03 Jul 2017