Sekolo sa Mhalapitsa se ipelela phenyo
03 Jul 2017
Sekole se sebotlana sa Mhalapitsa se ne se ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa a ngwaga o o fetileng.
Sekole se ke sengwe sa tse di masome mabedi le bongwe tse di dirileng sentle ngwaga o o fetileng ka go nna le baithuti ba ba tshwereng matshwao a ABC botlhe (100 per cent).
Sekole se se se dingwaga di masome mane, se tshwere matshwao a lekgetho la bobedi ka 2007 le ka 2016.
Fa a bua ko moletlong wa ipelelo phenyo o o neng o tshwerwe ko Mhalapitsa bosheng, Mogolwane mo lephateng la thuto go tswa moding Rre Ndondo Koolese o akgoletse sekole seo go bo se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa tsa ngwaga o o fetileng.
O ba rotloeditse go tswelela ba gagamaditse setoropo gore maduo a sekole seo a tswelele a le ko godimo.
A re se se supa gore batsadi le barutabana ba bereka sentle mmogo, a tlhalosa fa tshwaragano ya matshego a mabedi e le botlhokwa fela thata mo thutong ya bana.
O rotloeditse baithuti ba sekole seo go utlwa molao wa batsadi ba bone, le go tlotla barutabana ba bone gammogo le go boifa Modimo, a tlhalosa fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale.
A re ba tswelele ka go dira sentle le ko dithutong tsa bone tse dikgolwane.
Le fa go ntse jalo Rre Koolese a re lephata la thuto le itemogetse dikgwetlho tsa ditagi mo dikoleng tse di dirang gore bana ba felele ba tlhokela batsadi le barutabana botho.
A re batsadi le barutabana ba ka dira tiro ya bone mme go tswa mo ngwaneng gore a o batla go ithuta.
A re ditagi tse di dira gore bana ba seka ba tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo mme ba felele ba sa dire sentle mo ditlhatlhobong tsa dikole tse dikgolwane.
O supile batsadi ka monwana a re ke bone ba ba rekisetsang bana dinotagi le ditagi tse dingwe, a re ka go dira jalo ba bolaya setshaba ka gore bana ba ke bone babusi ba kamoso.
A re thuto ke nngwe ya mananeo a puso e a dirisang go lwantsha lehuma, a re ga a eletse go bona ngwana ope a ntse mo lapeng ntateng ya go sa dira sentle kwa sekoleng.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole sa Mhalapitsa Rre Cecil Ntshingane o lebogetse kemonokeng e a e fiwang ke batsadi le barutabana, a re ke bone ba tsisang maduo a mantle mo sekoleng sa gagwe.
A re go botlhokwa go tswelela ba dira bontle mme ba seka ba wela tlase.
O lebogetse barutabana ba gagwe a re ba bereka ka lorato le boineelo, a tlhalosa fa a na le barutabana ba ba tlhaga.
A re go botlhokwa gore bana ba dire sentle go simolola fela ka lekwalo la ntlha.
A re maduo a mantle a a nnile teng gape ka gore sekole se rotloetsa bana go bala.
Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolwana ya Pilikwe, Mhalapitsa, Maape Rre Gadialala Moinami o akotse sekole seo mme a kopa ba lephata la thuto go rotloetsa dikompone go itseela sekole se ka lenaneo la Itseele Sekole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MHALAPITSA
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 03 Jul 2017






