BDF e thusa sekole sa Gathwane
24 Jun 2013
Masole a Botswana, a kampa ya Peace Support Training Centre kwa Rakhuna le ba Junior Command and Staff Course, ba abetse sekole se sebotlana sa Gathwane kwa kgaolong ya Ngwaketse Borwa ntlolohalahala e ba sa tswang go e tlhabolola le tshingwana ya merogo semmuso.
E rile a ba abela dithuso tseo, Kgosikgolo ya Barolong, Kgosi Lotlamoreng Lotlamoreng II, a lebogela borre ba sesole go bo ba tlhophile go ithaopela go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse wa Gathwane bogolo jang ka motse oo o ntse e kare o ne o lebalesegile thata.
Mogolwane wa sesole, yo o neng a eteletse pele tiro eo, Lt. Col Chris Ramogaladi, o tlhalositse gore ba ne ba tlhopha sekole sa Gathwane ba lebile gore madi a ba a kgobokantseng a ka lekana go thusa go tlhabolola holo le go aga terata ya tshimo ya morogo ba bo ba e lema.
A re ba ne ba lemoga gape gore go thusa sekole go ka solegela batho ba le bantsi mosola ka bana botlhe ba motse le ba ba iseng ba tsene sekole ba tsile go solegelwa mosola ke ditlhabololo tseo.
O boile gape a re ba ne ba rekela bana ba sekole seo ba ba dikobo dikhutshwane paka ya sekole.
Mogolwane wa tsa thuto wa Goodhope, Rre Basil Ncaagae, o ne a kopa gore holo e le tshingwana ya merogo di somarelwe gore di solegele sekole le morafe molemo.
A re o lebogela mogopolo wa lephata la thuto le tlhabololo ya dikitso wa gore dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ikabe ka dikole go di thusa.
Mogokgo wa sekole Mme Sarah Letsholo, o lebogetse dithuso tseo, a tlhalosa gore baithuti ba lekwalo la bosupa ba ntse ba sokola ka nako ya ditlhatlhobo ba patelesega go kwalela mo matlwaneng a borutelo, ba pitlagane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fatima Lesole
Location : Kanye
Event : Dithuso
Date : 24 Jun 2013






