Rre Gaerolwe Mesho Kwerepe a bua ka Ketumile Joni a Masire
29 Jun 2017
Nna Gaerolwe Mesho Kwerepe ke tsala ya ga Sir Ketumile Masire e tona. Tota ga se tsala re bana ba motho, botsalano jwa rona bo tswa kgakala , mo go rayang gore re tswa mo mpeng e le nngwe fela, fa o re motho ke kala ya gago le tswa mo thitong ya setlhare se le sengwefela.
Ketumile re kopane ka 1965.
Erile go kopana ga rona ke ne ka dumela go tsena mo palamenteng mme ke ne ke ngongorega ke inyatsa mme tautona wa nako eo Sir Seretse Khama a nkgogela mo palamenteng a ntshupegetsa mabaka.
Ka ke ne ke le molemi-morui ke na le dikgwebo ke ne ke akantse gore fa ke tsena mo palamenteng ga gona yo o ka tlhokomelang dikgwebo tsa me.
Seretse a mpontsha mosola wa go tsena mo palamenteng.
Letsatsi le ke neng ke kopana le Masire ke ne ke sa apara sentle mme ke tshwanetse go tsena mo palamenteng, Masire a bona gore a ntsenye mo ntlong ya gagwe a nkadima suit, hempe e ntle e tshweu le thai.
Golo mo ga dira gore re tsalane ra nna ditsala tsa nnete tota.
He became a friend indeed because he was there for me when I was in need.
Ra tsalana go simolola gone foo ra nna bana ba motho.
Re tshidile jalo, ke ne ke nna mo ntlong ya ga Mma Gaone pele re ka fiwa bonno gope, mme ebile a rile ke seka ka reka le fa e le sepe.
Re ntse jalo ka lorato leo le go thusana moo. Masire o ne a sa nyatse ope mo tlhaloganyong.
Ya re letsatsi le lengwe ka mo gakolola.
Go ne go na le kgang e nngwe a tshwanetse go katosa batho go aga polase mme ka mo raya kare o seka wa dira jalo wa katosa batho ba bangwe go aga polase mme ka mo gakolola a dira jaaka ke ne ke mmolelela, a nkutlwa a nthaya are ‘ke a go dumela’.
A nkutlwa a tloga a ntshwara ka seatla. Ga tsoga kgang ke le ko Kanye ya phathi ga nna modumo wa gore ba bangwe ba seka ba tlhophiwa.
Bontsi jwa maloko ba ne ba dumalana gore Rre Kwelagobe le Rre Mmusi ba seka ba tlhophiwa mme ka sianela ko go ene bosigo gare ka mmolelela mafoko ao gore mo molaetseng wa gagwe wa go bua gore ba seka ba tlhophiwa mme ka mo raya ka re nyaa o seka wa rialo, o beye mo morafeng fela, batho ba simolola go ngala, ba bo ba tlogela go tlhopha.
A nkutlwa mo kgangnyeng e a fetola a kwala ka go sele a ikakanya mme morafe wa tlhopha Kwelagobe le Mmusi.
Fa batho ba sena go ngala a tla ko go nna a re ‘ke a go dumela, o mpabaletse’.
Mabaka a otlhe a re bogaganya ,mme e ne e re a dira sengwe mo lapeng o ne a mpotsa pele, re rerisanya matshelo a rona re abelana dimpho tse ditona.
Monongwaga ka Motsheganong o ile a nthomelela madi a mantsi, mme ka hakgamala ka ke ne ke sa a kopa.
Mme e ne e le tlwaelo go fana dimpho.
Jaana ke ledile , Nne ke sa lele Quett gore o sule. Go ne go itelela nna ke re ke tlaa sala ke le wa ga mang ka ke sekgoropha fela ga ke bone mme ke ne ke thusiwa ke ene.
Selelo sa me ga se kitla se kgaotsa.
Ke tlaa fitlhelwa ke leso ntse ke lela fela.
Ke ka fa re tshidileng ka teng le Ketumile a Joni a Masire. Ke ne ke mo kgatlha ka tsotlhe a re ke mo rute le Seherero.
A mowa wa gagwe o robale ka kagiso. Mo dinaong tsa ga Jeso re tlaa raana ‘dumela tsala’. Ke mo robatsa ka sehela sa SDA 213, Morekolodi Wa me. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Sir Ketumile Masire Tribute
Date : 29 Jun 2017






