Mothobi o dira dijo tsa leruo ka letlhaka
29 Jun 2017
Mongwe wa Balemi ba popota kwa masimong a Masiadieme kwa Bobonong, Rre Mooketsana Mothobi o gwetlhile balemi go dira dijo tsa leruo ka masalela a thobo a tshwana letlhaka go tswa mo masimong a bone fa go sena go rojwa.
Rre Mothobi o tlhaloseditse BOPA mo puisanong fa letlhaka le masalela a mangwe a thobo a ka somarelwa go dira dijo tse di jewang ke leruo ka nako ya leuba kgotsa tsa rekisediwa barui.
O tlhalositse fa a kgetla letlhaka la mmidi, mabele, dinawa le manoko a di sile ka motshine a bo adi boloka mo dikgetsing.
A re o omisia letlhaka le ka boitseanape gore le seka la latlhegelwa ke dikotla pele.
Rre Mothobi o boletse fa a rekisetsa barui dijo tse, tse dingwe a di neele leruo la gagwe.
O tlhalositse fa balemi-barui ba tshwanetse go lemoga fa malatsi ano sengwe le sengwe se le botlhokwa mo tshimong e bile se ka rekisiwa go dira madi.
A re balemi ba tshwanetse go latlha mokgwa wa bogologolo o e neng e re go sena go rojwa, dikgoro tsa masimo di bulwe gore leruo le je letlhaka.
Rre Mothobi a re fa a sena go sila letlhaka o le tswakanya le metswako e e oketsang dikotla mo dijong tse go tlhabolola bo leng jwa tsone.
O boletse fa letlhaka le falodisitse leruo la gagwe leuba makgetho a mantsi.
Rre Mothobi o boletse fa a dikile a kabakantse temo ka go lema lab lab.
O boletse fa lab lab e le nngwe ya tse a di silang go dira dijo tsa leruo.
A re balemi ba ba sa ruang ba ka dira madi ka go rekisetsa barui letlhaka le le tswang mo masimong.
Rre Mothobi o kopile balemi- barui go tsaya temo jaaka kgwebo ka temo e le nngwe ya dikgwebo tse di bogadi bogaufi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 29 Jun 2017






