Breaking News

Ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase di oketsegile

29 Jun 2017

Ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase e le lantlha di tlaa oketsega.

Se se builwe ke mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga fa a ne a buisa phuthego ya kgotla e mo go yone a neng a lekodisa morafe wa kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di builweng mo khanseleng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa khanseleng e e tlang.

A re ba koparase ya motlakse ba okeditse ditlhwatlhwa morago ga gore ba tseye tshwetso ya gore jaanong ke bone ba tlaa dirang ditiro tsotlhe tsa go gokela motlakase go tswa fela ka go reka didirisiwa tsa motlakase, go tsenya megala le dipone tsa motlakase ga mmogo le go gokela.

A re ba BPC ba tlhalositse fa se e le ka mabaka a gore baitseanape bangwe ba ba atleng ba akarediwe mo go tsenyeng megala ya motlakase mo malwapeng e se ba boleng jo bo kalo, mme ka jalo gangwe le gape go bake dikotsi tsa motlakase.

Mokhanselara Ngunga o rile tsamaiso e kgologolo e mo go yone baikopedi ba neng ba ithekela didirisiwa tsa go gokela motlakase e boetswe morago, ka jalo se ke sone se bakileng koketsego ya ditlhwatlhwa.

O ne gape a lekodisa morafe ka kgokelo ya metsi e le yone e fetogileng.

A re ba koporase ya metsi le bone ba tlaa tsaya boikarabelo jwa go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go gokelela metsi e seng jaaka go ne go dirwa pele.

O ne a tlhalosa gore go bo WUC e tsere marapo a go dira ditirelo tsotlhe, go tlaa fefosa go gokelwa ga dipompo mo malwapeng.

E rile banni ba botsa ka go gokelelwa metsi kwa ditsheng tse disha mo Etsha 13 e e sa bolong go diegelwa, mokhanselara Ngunga a tlhalosa gore ka nako e go bonweng moitseanape yo o tlaa tlang go tsenya pompo e e dirisang dikarata.

A re WUC e tsere tshwetso ya go siela batho metsi mahala, ka jalo tiriso ya dikarata e tlaa fokotsa tiriso botlhatswa ya metsi.

Rre Ngunga o ne a kopa morafe go agelela dipompo go itsa go senngwa ke loruo le le gobeyang mo motseng. A re se se ka fokotsa manokonoko a ditshenyegelo tsa metsi.

O ne gape a kopa morafe go nna mapodisi a ba bangwe go itepatepanya le seemo sa go utswiwa ga kopore mo go bakang kgaogo ya motlakase mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboipeelwe Andreck

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 29 Jun 2017