Breaking News

Tautona Masire o ba roba dikgopo kwa kgotleng

29 Jun 2017

Kgwedi ya Seetebosigo e maruru e ka re serame sa teng se fetlhwa golo gongwe.

Moso wa Labone beke e e fetileng ya bo e le o o tsididi thata go le letobo difatlhego tsa bangwe di tlhontse fa ba feta fa pele ga Palamente morago ga tatolo ya ga tautona wa pele wa lefatshe leno Rre Ketumile Masire.

Folaga ya fatshe leno ya bo e sa palamela ko makaleng-kaleng jaaka gale go lebega sentle gore o iketse mmabatho. Bangwe ba nna ba akabala motho a feta a sisibetse.

E re ka a bolelwa a ne a le sethakga sa puo ka go ne go sena potso epe e e mo palelang mo kgotleng mmegadikgang wa BOPA Calviniah Kgautlhe o tsene mo metlobong ya seromamowa sa Botswana ya bogologolo le metswedi ya dikgang go supa ka fa a neng a tle a arabe ka teng mo diphuthegong tsa kgotla.

Fa a araba rre mongwe wa Makunda yo a neng a botsa gore tsela e tlaa dirwa leng Rre Masire o ne a mo araba jaana, “Tsela ya Ghanzi rra yone kana maloba ke utlwile ka fa Rre Jankie a neng a tsositse dithole ka teng ke sa mmuele puo e e botlhaswa ke raya gore o ne a besitse lonao mo isong. Mme ga a kake a re hela fa a re go nne tsela ya bo e nna jaaka ya mo dinaaneng. Ke gore e baakanyediwe ke bomaitseanape ba tlhatlhobe mebu pele. Mme go tlaa  tsaya dingwaga, ga se mo go tlaa tsayang letsatsi kana beke kana malatsi ampo kgwedi.”

Ya re nako nngwe a buisa kgotla ko Kalakamati  ka dingwaga tsa bo 1983 a bodiwa ke rre mongwe mo kgotleng ka kago ya tsela ya Ramokgwebana e e neng e sa bolo go nna lobaka e sa dirwa a araba jaana, “Tsela ya go tswa Sebina go ya Ramokgwebana e tlaa tshasiwa mosidinyana gore e seka ya nna tsela e e dithole.  Mme jaanong betsho ga ke re ke tlogela dikatakata mo tseleng mme fela di etla le ka nna mo tsholofelong,” morafe wa bo o tshela legofi.

E ntse e le ko Kalakamati rre mongwe a tsapoga a botsa gore terata ya molelwane o o kgaoganyang Zimbabwe le Botswana e agwa leng.

Mme ya re e fetola tautona  ya re, “Molelwane o wa rona le maZimbabwe lo itse fa re na le mathata fa e sale Ian Smith a tsaya puso ka dikgoka.

Mathata a re ne re a solofetse gore a tlaa fela. Re na le mathata a batho ba ba tlang ba tshaba ntwa ka kwa. Ga re batle gore e re re le ko Gaborone re bo re utlwa gore masole a Zimbabwe a a le hena-hena mo.

Motho fa a re wa rwalela a bo a phorongwa ke masole a ga Smith gotwe a bolele gore batho ba fitlhwa fa kae.”

Fa a buisa phuthego kwa Ncojane ka dinako tsele fa mafatshe a borwa jwa Aferika a neng a aperwe ke dipheretlhego morago ga go gana go baya monwana tumalano ya Nkomati  e e neng ya dumalanwa ke Samora Machel wa Mozambique le Peter Botha wa South Africa a ya go tlholosetsa Batswana ko kgotleng mangwe a mabaka a gore ke eng Botswana e sa dumalana.

“E sale re sa dumalane le Nkomati re ntse re na le mathata ruri. Suid Afrika e ne e re re dumalane gore ga nke re lwa. Tota jang? A motho o ka go hitlhela fela a bo a re o dumalane gore ga o kake wa mo lwantsha. Ba ne ba re re rupisa batshabi gore ba tle ba ba tlhasele kwa ga bone. Ra ba botsa gore lo a bone kae marupisetso a teng?”

Ka nako ya dipolao tsa marato di ile mogoletsa ya re a buisa phuthego mo motseng mongwe a re, “Dilo tsa malatsi a o bona wa mosimane a tlhaba wa mosetsanyana ka selo se se bogale a sa itse gore pharologanyo fa gare ga legapu le motho ke eng.”
Mongwe a re “Tautona ko dintshong bana ba tla ba nole nnotagi re tshwere bothata” mme ya re a fetola a re “Heelang kgang eo ke ya baruti le dikgosi tsa lona, a le itse tiro ya ga tautona tota?”

“Mme mongwe ko Manyana a raya tautona a re tautona bana ba rona ga ba utlwe ba a itaola. Mme e rile a mo araba a re, “heelang ke na le ngwana wa mosimane o bidiwa Mpho o mpaletse ga nkake ka tla go itira motlhokomedi wa malwapa a lona.”

Kwa motseng mongwe wa Gangwaketse mosetsana mongwe a ema a re “Tautona ke tshotse ngwana le motho mme ga a nthuse.” Ya re a araba a re, “Tota wena o ineelelang matlhogojane o  ntse o itse gore ga a kake a kgona.”

Ya re motlha mongwe ka ngwaga ole wa 1985 Tautona Masire a buisa phuthego ya kgotla ko Charleshill a re “Re sale e re go tsaya boipuso ra nna mo mathateng. Batswana ba tle ba re, re nna fa gare ga naka tsa nare re apeela thukhwi le mala ka ntata ya gore go ne go sena kagisano mo mafatsheng a re bapileng nao.”

Ya re motlha mongwe  Tautona Masire a buisa phuthego ya kgotla kwa Gaborone bokone le borwa ka nako tsele tsa bo 1984 bangwe ba leka go mmuisa tsa sepolotiki a gana a ba tlhalosetsa fa kgotla e se fa go buelwang sepolotiki teng.

“Kgotla ke batho ba phuthegile ga se fa go epetsweng legata la motho teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : GABORONE

Event : Segopotso sa ga Rre Masire

Date : 29 Jun 2017