Mogokgo o tshwenngwa ke go ima ga bana ba sekole
28 Jun 2017
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mookane Junior Secondary School, Rre Emmanuel Kwape o supile matshwenyego ka botlhokatsebe jo bo diragalang mo sekoleng sa gagwe, segolo bogolo go ima ga baithuti.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kwape o tlhalositse fa go ima ga baithuti go ile magoletsa fa go tshwantshanngwa le ngogola mme se o kaile se dirwa ke banna ba batona kwa metseng e bana ba ba tswang kwago yone.
Rre Kwape a re monongwaga ba kwadisitse dikgang tsa boimana di le thataro mme ngogola fa o tsamaya fa dikgang tsa boimana di ne di le tharo fela.
A re ba ba amilweng thata ke go ima mo ke baithuti ba ba tswang Dibete.
O kaile fa bogogi jwa sekole le barutabana ba dithuto tsa bokaedi ba tsere matsapa a go lekola batsadi ba bana ba ba imileng ba dira se ba tshwaraganye le mapodisi, bogogi jwa metse e bile gape ba mo dipuisanyong le ba Child-Line go ba thusa go tlhabana le seemo se.
Rre Kwape o kaile fa baithuti ba bangwe ba tlogela sekole fela go sena mabaka gape bogodu bo ile magoletsa jo bo dirwang ke bone baithuti.
Rre Kwape o boletse fa dikgang tse tsa botlhokatsebe di digela maduo a ditlhatlhobo kwa tlase, a re go tswa mo dikoleng tse di lesome le botlhano tsa kgaolo ya legare ke bone ba ba kwa bofelong mme mo lefatsheng lotlhe ba mo maemong a bosupa go tswa kwa tlase.
Go leka go busetsa seemo mo taolong, Rre Kwape o kaile fa ba dule ka methale e akaretsa go bula mokgatlho wa tshedilo maikutlo kwa sepateleng sa Mookane mme se ba se tshwaraganetse le baithuti ba sekole sa ithutelo booki.
O tlhalosa gore ba itlamile gore moso mongwe le mongwe morutabana a buisanye le baithuti ba gagwe ka dikgang tse di ba amang, se e le go leka go tlhotlhomisa modi wa botlhokatsebe jo bo diragalang.
Rre Kwape o tlatsa ka go re barutabana ba bokaedi ba tshwere phage ka mangana go nyeletsa botlhokatsebe jo mme ba dira se ba tshwaraganye le mokgatlho wa PACT o one o fang baithuti sebaka sa go tlanyatlanya dikgang tse di ba amang ka bobone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moleleki Tsholofetso
Location : MOOKANE
Event : Potsolotso
Date : 28 Jun 2017






