Breaking News

Modulasetilo o batla ka ditlhabololo

28 Jun 2017

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Jao mo kgaolong-potlana ya Okavango, Rre Gaboipeelwe Manja o tshwenyegile ka ditlhabololo tse di sa potlakelweng le tse di emeng mo tseleng.

O buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa Etsha 13/Jao, Rre Dikoro Ngunga bosheng fa a ne a ba lekodisa ka se se builweng mo phuthegong ya khansele e e fetileng le go tsaya megopolo mo morafeng go e isa khanseleng e e tlang.

Fa a nankola dingwe tsa ditlhabololo tse, Rre Manja o ne a kopa gore go potlakelwe sekole se sebotlana se se saleng se tlhongwa ngogola mme le jaana se sa fela.

O ne a kopa gore se felelediwe gore e re ngwaga o o tlang se bo se tsaya bana.

O ne a bua ka marulelo  a ntlo ya bookelo a a tlhokanang le go baakanngwa, gammogo le terata e e ageletseng  kokelwana  e e saleng e digwa ke ditlou.

Modulasetilo o ne gape a kopa leobo la kgotla ka jaana kgosi a sa kgone tiro ya gagwe ka nako ya dipula.

O ne gape a kopa gore ba agelwe lebala la difofane ka le ka ba tswela mosola ka go ba tsenyetsa madi ka gore difofane tse di etelang makgobokgobo di ka le dirisa.

Fa a akgela ka temo-thuo, Rre Manja o ne a re ba sokodisiwa ke go senyediwa ke diphologolo tsa naga jaaka ditlou le dikubu le fa ba sa leme mo go kalo.

O ne a kopa gore le fa go le thata gore ba lemelwe ka diterekere, bogolo ba fiwe ditonki le megoma e e gogwang ke ditonki gore ba tokafatse temo ya bone.

O ne a bua ka metsi a noka a ba a nwang a re gangwe le gape fa metsi a kgala, metsi a teng a nna mahibidu mme bogolo a tlhatswiwe.

Rre Manja o ne a kopa gore Tautona Khama a ba etele go tla go mo leboga go bo a utlwile selelo sa bone se a se arabileng ka go ba rekela mokoro o o ba thusang go ikopanya le metse e mengwe jaaka Sepopa le Seronga. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Gaboipeelwe Andreck

Location : ETSHA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 28 Jun 2017