Ba Ramokgonami ba bete se molangwana
28 Jun 2017
Banni ba Ramokgonami kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba re ga ba itumelele gore e re ba ne ba solofetse gore kampa ya sepodisi e ba tlaa e agelwang e bo e tsentswe mo ngwageng wa madi wa 2020/21.
Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Mme Dorcas Makgato bosheng.
Ba boletse fa ngwaga wa madi wa 2020/21 o le kgakala e bile ba fedile pelo ka ba sa bolo go e solofediwa mme ba ne ba solofetse fa e tlaa agwa mo ngwageng ono wa madi.
Rre Gakeaitse Malema o ne a bolela fa ba eletsa kago ya kampa eo ya sepodisi e kabo e tlaa agwa mo ngwageng ono kana o o tlang.
A re kampa eo ya sepodisi e e tlaa agelwang le matlo a le 26 a mapodisi e tlaa tsisa ditlhabololo mo motseng, ka jalo e kabo e fefogetswe.
Ntswa Mme Makgato a ne a tlhalosetsa banni gore o kgonne go tsenya kampa ya sepodisi mo ngwageng wa ditlhabololo wa 2020/21 banni ba ne ba tswelela fela ka go ngongorega.
Mme Makgato yo e bileng e le tona wa botsogo le boitekanelo o ne a tlhalosa fa ba tshwanetse go lebogela gore kampa e tlaa agwa e bile e kgonne go tsenngwa mo lenaneong.
Mme Makgato o ne a bolela fa a itse fa ba babaletswe mme ba tshwanetse ba nne dipelo ditelele.
A re ba Ramokgonami ba tlaa agelwa kampa ya sepodisi ntswa e sa agwe mo nakong e ba neng ba e eleditse.
O ne a ba lemotsha gore ba mafelo a mangwe ga ba agelwe sepe ntswa ba kopile ditlhabololo.
O ne a kopa banni go lebogela le gore mo mading a a fiwang dikgaolo tsa botlhophi a P10 million ba tlaa direlwa ditlhabololo dingwe.
O ne a itsese banni fa a tlaa tswelela a lwela kgaolo ya bone fela jaaka a lwetse gore kampa ya sepodisi e tsene mo ditogamaanong.
E ne e rile go le pele, Kgosi Sefhako Gaobuswe wa Ramokgonami a kopa gore ofisi ya sepodisi e e kwa kgotleng e bulwe mme mapodisi ba direle moo ka mo nakong eno ba dirisa diofisi tsa kgotla mme di le mosuke.
O ne a kopa gore diofisi tsa kgotla di atolosiwe ka di le mosuke.
A re o kopanela ofisi le bathusi ba gagwe mme seo se ba kgoreletsa mo tirong.
A re ofisi ya gagwe e setse e le kgologolo mme e tlhoka paakanyo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Goboditsemang Kefitlhile o ne a kopa gore motse wa bone o agelwe sekole se sengwe se sebotlana ka o le motona.
A re sekole se sebotlana mo motseng wa bone se mosuke. O ne gape a kopa kago ya matlo a badirelapuso a le masome mararo le gore kokelwana ya bone e nne e ntse e butswe bosigo le moptshegare le gore go phatlaladiwe metsi kwa ditsheng tse disha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : RAMOKGONAMI
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 28 Jun 2017






