Adimang bana lefatshe
28 Jun 2017
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, e bile e le mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse o kgothaditse batsadi go adima banana lefatshe gore ba tsene mo temo-thuong, e le maiteko a go itlhamela dikgwebo le go tlhamela ba bangwe mebereko.
Rre Autlwetse o buile jaana fa a buisa banni ba kgotla ya Kgope bosheng.
Tona o ne a supa gore gantsi kgwetlho ya banana e dirwa ke gore ba a bo ba sena lefatshe, ka jalo go thatafatsa dikeletso tsa bone tsa go ka tsena mo temo-thuong.
“Bontsi jwa lefatshe mo Botswana le tshwerwe ke batho ba ba dingwaga tse 65 go ya kwa godimo. Bontsi jwa bagolo ba go nna jalo ga ba sa tlhole ba na le tokololo ya go ka lema, jalo re kopa gore le adime banana lefatshe,” a kopa.
A re puso e na le tsamaiso e e tlhamaletseng, ka thuso ya lekgotla la kabo ditsha, ya go thusa gore botlhe ba ba ka eletsang go dira thulaganyo ya mofuta o, ka jalo a ba rotloetsa gore ba seka ba belaela sepe gore lefatshe le ka ba tswa diatleng fa ba dira jalo.
Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa puso e tshwenyegile ka letlhoko la mebereko mo bananeng, ka jalo a supa fa lephata la gagwe le tsere kgato mo go thuseng ka seo mo mhameng wa temo-thuo.
“Mhama wa temo-thuo o na le dikgwebo di le mmalwa tse banana ba ka inaakanyang le tsone, fela fa ba ka nonofa ba tsena mo temo-thuong,” a supa.
A re dipalo di supa fa 30 000 ya banana ba ba nang le dithutego ba sena ditiro, ba saila mo mebileng.
“Puso e tshwenyegile ka seemo se, se tsisa bohutsana mo malwapeng a batsadi ba ba aperweng ke bothata jo, ka gantsi re solofela kana e le dikeletso tsa gore bana ba rona ba re thuse,” a tlhalosa.
A re go ngomola pelo gore batsadi ba bo ba bapa le banana mo malapeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro.
Jalo, o tlhalositse fa nako e gorogile gore temo-thuo e fetolwe gore boleng jwa yone e nne jo bo kwa godimo, e bile bo ntsha maduo a matona.
“Go setse go na le methale e mesha ya go ntsha maduo mo thobong, jalo re eletsa gore banana ba lemoge diphatlha tse, e bile ba lemoge fa go na le tsela ya mefuta e ya itshetso,” a supa.
A re kgang ya go batla tiro e fetile, a supa fa metlha ya gompieno e le ya go itlhamela ditiro.
Rre Autlwetse a re puso e mo tseleng ya go rutuntsha le go tlatsa banana ba dithutego tse di kwa ntle ka temo-thuo, gore go nne bonolo gore ba ka tsena mo temo-thuong.
Fa a bua ka thulaganyo e e dirilweng ya go thusa dikgaolo ka madi, o tlhalositse fa kgaolwana ya Kgope e filwe P1.1million.
O ne a tlatsa ka go re, ka madi ao a diretswe dithuso tse dipotlana mo dikgaolwaneng tsa bone, ba dumalane gore a tlaa thusa go dira tsela ya boleele jwa 1.6km mo kgaolwaneng ya bone, le go dira borogo jwa dinao go ya kwa sekoleng se segolwane sa Samane.
Fa a gakolola, o ne a lemotsha barui ba dikgomo gore puso ga e sa tlhole e tlaa thusa mo go kenteng dikgomo tse di sa tsenngwang manyena.
“Go ka tswa go lebega e kare puso e a tshwenya, e bile e a kgokgontsha, mme tota re leka go patika barui gore ba tsenye manyena.
Puso e a senyegelwa ka go thusa le go tsisa ditirelo, mme go sena bosupi jwa gore dikgomo tsa go nna jalo ke tsa bo mang,” a tlhalosa.
Fa ba mo kgwa kgaba, bontsi jwa batsadi ba ne ba le ’bete se molangwana ka boitsholo jwa banana, ba supa fa bontsi jwa banana bo sena boammaaruri, jalo selo se se dira gore go nne thata go ka ba adima lefatshe.
Baagi ba ne ba supa ngongorego ya gore diterekere ga di a lekana mo dikgaolong tsa bone, ba supa fa ba lema nako e setse e ile.
Ba ne ba re gantsi dithuso tsa temo ya ditema tse tlhano di tla ka tshokolo, jalo ba supa fa se se ba nyemisa moko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 28 Jun 2017






