Breaking News

UCCSA e akgola moruti

27 Jun 2017

Phuthego ya UCCSA  kwa Makopong  e  akgoletse moruti  wa bone Moruti  Cosmos Ngoreng  go bo a tsisitse pharologanyo mo kerekeng eo ka go gogela banana mo go yone.

Maloko ka go farologana mo kerekeng ya UCCSA  kwa  Makopong  ba ne ba lebogaba bo ba  akgola  Moruti Ngoreng ka tiro e ntle  e a e dirang  ya go ba etelela pele, go ba gakolola,  go aga phuthego, go ba  kaela le go ba gogela mo  leseding ka  lefoko la Modimo bogolo jang banana.

Fa a leboga moruti  motiakone  mo kerekeng eo, Rre Pesalema  Bimbo o ne a tlhalosa gore fa e sale moruti a romelwa mo phuthegong  ya UCCSA  ngwaga o o fetileng  go nnile le pharologanyo  ka go le pele go ne go lebega  kereke eo e  tsenwa fela ke bagolo.

Mo letsatsing la  Matlhatso la go leboga moruti, Rre Bimbo o boletse fa moruti gareng ga tse a di dirileng a fetotse banana ka go simolodisa dithuto tse di akaretsang tsa Baebele, tshidilo maikutlo  fa ba na le mathata le  gone go ba tlogedisa tsotlhe tse di duleng mo tseleng  go ithuta le go tlhaloganya lefoko la Modimo.

O kaile fa Moruti Ngoreng  e le moruti wa  motia yo o lorato ka a tsosolositse  mewa ya batho ba le bantsi  ka go  phutha le go kokoanya  maloko a kerere eo ka go ba etela kwa malwapeng go rapelela ba ba sa tsogang le gone go ba jesa bothito jwa  lorato ka go  ba  rerela mafoko a a boitshepo.

Sebui sa tlotla  mo letsatsing  leo  o ne a  tshwantshanya  moruti ka go nopola temana nngwe mo Baebeleng mo lokwalong lwa ga Genenis 3: 1-3 a a reng, ‘tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno le lolwapa lwa ga rrago o ye kwa lefatsheng le ke tlaa go le bontshang mme ke tlaa go segofatsa gammogo le ba ba go segofatsang’.

A re gape go tshwaragana le moruti  le  go mmulela dikgoro mo dipelong tsa bone go ka mo thusa  tiro ya gagwe go e dira a phuthologile  ka lorato le  matsetseleko ka dinako tsotlhe.

Phuthego ya UCCSA kwa Makopong ba ne ba abela moruti P6 586 go tswa mo mekgatlhong e e farologaneng ya kereke, dijana,  dipodi tse tlhano le dikoko di supa  e le tsela nngwe ya go mo leboga, go  mo amogela, le go supa lorato mo go ene gore a tle a rotloetsege go dira  tiro ya gagwe ka botswerere.

Fa a amogela dimpho tseo, moruti Ngoreng yo o tlholegang kwa Maun,  o lebogetse kemo-nokeng e a e filweng ke mohumagadi wa gagwe le   diphuthego tsa UCCSA tse a di okametseng di akaretsa Makopong, Draihoek, Kokotsha, Werda.

O lebogile le barulaganyi ba tiro eo tse a di okametseng ka tiro e ntle e ba mo e  diretseng  ka e le sesupo sa lorato mo go ene.

A re seo ke sesupo sa gore o botlhokwa mo go bone le gore tsotlhe tse a di ba direlang ba a di itumelela le go di kgotsofalela mme a ba solofetsa gore o tlaa tswelela a dira thomo ya gagwe e a e romilweng ke Modimo ka a ineetse le go ikana gore o tlaa e dira ka botswapele dika nako tsotlhe fa e mo tlhokang teng.

Moruti Ngoreng, yo e eleng monana  o ne a supa fa pitso ya Modimo e tlhokana le motho yo o inetseng, a ititeile sehuba go intshitsa setlhabelo go ya gongwe le gongwe kwa a bitswang teng go sa kgathalesege gore o ya bokgakala jo bokae le gore o kgaogana le batsadi ba gagwe le ba lolwapa lwa gagwe.

Fa a ntsha bopaki mo letsatsing leo mongwe wa banana, Rre Teko Chimbombi  o ne a supa fa dikgakololo le  thoetso ya mouti ya go ba gogela  mo kerekeng ene le ba  bangwe e  ba thusitse  ka  go ba bula ditlhaloganyo  go  fetoga mo meweng le gone   go kgatlhegela go direla modimo ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : MAKOPONG

Event : Bokopano jwa Kereke ya UCCSA

Date : 27 Jun 2017