Tlhako ya morago e gata fa ya morago e gatileng teng
27 Jun 2017
Ntswa bontsi bo dumela gore motho a kgone tiro ke gore a bo a e etse sekoleng, Mme Modiri Gabatwaelwe o supile fa seo e se sone fela se se tlhokafalang gore motho a kgone, ka a itiretse leina ka go roka mme a ise a ko a ithutele tiro e gope.
Mo potsolotsong le BOPA Mme Gabatwaelwe wa kgotla ya Sesoma o tlhalositse fa lorato mo tirong e motho a e dirang e le selo se se botlhokwa.
Moroki yo, a re o sale a nnile le lorato mo tirong ya go roka ka 1972 a sale mmotlana.
Ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, mma Gabatwaelwe o ne a tsaya malebela mo go malomaagwe yo e neng a le moroki.
E ne e re fa malomaaagwe a roka Mme Gabatwaelwe a thuse ka go dira dilo tse dingwe jaaka go thatholola, ditiro tseo tsa tsala lorato lwa tiro e mo go ene.
Ya re go goleng ga gagwe, Mme Gabatwaelwe yo o dingwaga tse 63, o ne a berekabereka ditiro tsa go thusa mo malwapeng.
“Kana tiro ya mo lwapeng ga e duele sepe, kwa bonosing jwa me ka ipotsa gore ka ke a gola, ke ya go dira eng mo botshelong go tlhokomela ba lelwapa la me ka ke itse gore ke ka seke ka berekela ruri mo malwapeng.”
Ka nako eo, mogolowe o ne a na le letlapa le le rokang a dira tiro ya go roka, ka lorato le ne le ntse le le teng a tsweledisa go ithuta tiro eo, e re mogolowe a kgaola diphethene ene a bo a nna a pataganya go fitlhelela a itse.
Ka go twe e e anywang e leletse e ruta e e mo maleng, bana ba ga Mme Gabatwaelwe le bone ga ba engwe ke ope ka fa go rokeng.
Kgwebo ya gagwe e a supileng fa e kwadisitswe ka fa molaong ka 2015, o tlhalositse fa e dira sentle le fa a direla mo lwapeng.
A re mo nakong ya gompieno ga a a hira ope yo o tswang kwa ntle, o dira le ngwana wa gagwe Mme Obolokile Gabatwaelwe wa dingwaga tse 39.
Mme Gabatwaelwe, yo o tsenang kereke ya Bethlehem, o supile gore kereke e nnile le thotloetso mo tirong ya gagwe ka ba sega seaparo kwa go ene.
“Nako ya fa go iwa pasekeng kgwebo e tsholetsega thata ka bontsi bo rokela tiro e.”
O supile gore ka e le motho yo motona, ga a ise a nne le dikakanyo tsa go batla go tswa mo lwapeng a ya go rokela go sele ka a rata go phakela a bereka mo lwapeng pele ga a ka simolola tiro ya go roka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikobo Monageng
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 27 Jun 2017






