Sekgantshwane sa puo
27 Jun 2017
Bakwena ba gakologelwa Sir Quet Ketumile Jonny Masire, Tautota wa pele wa lefatshe la Botswana jaaka mogaka, sekgantshwane sa go itse puo le ditiro tse di nang le bokao ka go goga le go betlela lefatshe leno tsela mo dikgannyeng tsa sepolitiki le tlhabololo ya botshelo jwa Motswana.
Fa ba tlhalosa mo potsolosong ka fa ba gakologelwang botshelo jwa moeteledipele yoo ka teng, mongwe wa bagolo ba motse yo a kileng a tshwarelela setilo sa bogosi jwa Mokwena rre Kgosikwena Sebele, a re ga gona pelaelo gore tsela ya tsamaiso lefatshe ya nako eno e betlilwe ka ponelopele le boitsaanape jwa boetelediepele jwa motia.
“Re amule ka bontsi tiriso ya mafoko mo go Sir Ketumile yo aneng ale sekgantshwane sa puo mo goneng go gwetlha batho ka dinako tsotlhe go tsibogela dipitso tsa gagwe ka maikaelelo a go nna le sebaka sa go anywa botsipa jwa tiriso puo e enang le kgogedi ebile e sena bokao ntle le go kgobera ope maikutlo”, ga tlhalosa rre Kgosikwena Sebele.
A re bao baba gakologelwang ditiro tsa botsamaisi jwa nako ya puso ya gagwe ba ka mo gopola segolobogolo ka thulaganyo e e tsepameng e e neng e ila tshenyetso setshaba, matona mangwe a puso ya gagwe ane a rola marapo ka go amega mo madubadubeng a dikgang tsa tshenyetso setshaba, go itlhatswa pele maina, ka dikgang tsa lefatshe kwa motseng wa Mogoditshane.
Gatwe one a dirisa thata mafoko a go re lefatshe la Botswana le tseetse puso mo “lehatlha kgoheng”, ele maiteko a go tsibogela matshwenyego a bao ba neng ba nyatsa le go tlhobaela gore seemo sa go tlhabologa ga lefatshe leno go le bonya.
A re Sir Ketumile, yo aneng a tswelela a tlotlwa le go lemogwa ke mafatshe-fatshe ka tsamaiso ya puso e e lolameng, one a itshupile a le mogaka ka go nyeletsa tlhobaelo e e neng e agile mo bangweng Batswana, gore a ruri gona le yo o aka rwalang ditlhako tsa morwa kgosi, Sir Seretse Khama yo e neng ele Tautona wa pele wa Batswana.
A re seo ene ya nna dikgang tsa nakwana fa tsamaiso ya ga Masire ene ya nyeletsa ka ponyo ya leitlho ditlhobaelo tseo ka go betla tsela ya go tsweledisa ka botswerere fa mogolowe aneng a eme teng.
Rre Kgosikwena a re mafoko a ga Sir Ketumile a gore “Diplomacy is always better than military operations” a ne a gatelelwa ke tsela e lefatshe leno le neneg le fitlhelela ka teng ditharabololo tsa dikgang tsa lone le matshe a mabapi, a afa sekai ka kgang ya setlhaketlhake sa Sedudu e e rarabolotsweng ka kagiso kwa Kgotleng ya mafatshe ya ditsheko.
Mongwe wa magosi bao ba dirileng ka lobaka ba tshwere boikarabelo jwa go tsamaisa dikgotlana mo tsamaisong ya bogosi, Mothusa kgosi kwa Lephepe Rre Gasemosarwa Lebati, ke mongwe wa bao ba ba gakolegelwang mantswe a neng a supa fa Masire ele morata kagiso a gore, “Ga rena lerumo la ntwa, mme re na fela le la gore ntwa kgolo ke ya molomo,” a re
mafoko ano ene ele ago leka go bepisa maikutlo a Batswana a a neng a fuduegile, go na le go nyatsa puso gore ele maoto a tshupa go tsibogela ditlhaselo tsa maburu a Africa Borwa mo Botswana.
Kgosi Lebati are lefatshe la Botswana le ne le tlhoka boeteledipele jwa seemo saga Sir Ketumile ka go lemoga fa go ipusolosetsa go ile ga befisa seemo le go baka tatlhegelo ya matshelo kwa mangweng a mafathse a Africa, mme Botswana ya ngaparela lentswe le lereng “Ntwa Kgolo key a Molomo”
Mongwe wa makhanselara ba nako ya puso ya ga Rre Masire ka dingwaga tsa bo 1984 mme Odirile Sebekedi o lemoga moeteledipele yoo ka go busa ka lorato boineelo le go tlotla tshaba e a e eteletseng a bile a se thata go amogela dikgakolo mo go bao aneng a tshwaraganetse thomo ya go tsamaisa puso nabo.
A re mananeo a tshwana la ALDEP le ARAP a maikaelelo magolo a one eneng ele go tlhabolola seemo sa temo, ke a mme Sebekedi a tlhalosang fa ele mangwe a Batswana ba setseng motlhala wa tema e esegilweng ke Sir Ketumile.end. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 27 Jun 2017






