Thuto ka tsa tlhakanelo dikobo e botlhokwa
27 Jun 2017
Mokwaledi wa khansele ya Ghanzi, Rre Odirile Mabaila a re thuto ka tlhakanelo dikobo e ka nna tharabololo ya mathata ka bontsi.
Fa a bua kwa pitsong ya botsogo e e neng e rulagantswe ke lekgotla la Ghanzi la borre ‘Men Sector’ bosheng, Rre Mabaila o tlhalositse fa batho ka bontsi ba sena kitso ka tlhakanelo dikobo.
“Re tshola bana, re ba rute gore go lengwa jang, gore leina la gagwe le kwalwa jang, gore kgomo e gangwa jang mme ga re ba rute ka tlhakanelo dikobo.”
A re se se dira gore ba gole ba sena kitso ka tlhakanelo dikobo, mme ba patelesege go ‘itshebatshebela’ go leka go batla kitso ka tlhakanelo dikobo.
A re bangwe ba kopane le ditsala go ba ruta tlhakanelo dikobo, bangwe ba tshwanelwa ke go lebelela dibaesekopo, ba bale dibuka fa ba bangwe ba lekeletsa e ntse e le maiteko a go senka kitso ka tlhakanelo dikobo.
A re se se bo se dira gore motho a tshele a sena kitso e e tletseng ka tlhakanelo dikobo.
Mo godimo ga go atisa malwetse, Rre Mabaila a re go tlhoka kitso ka tlhakanelo dikobo go tsisa dikgotlhang le tlhakatlhakano e bile ke gone go senyang manyalo le botsalano ka bontsi.
A re banna ka bontsi ba rata go bua ka tlhakanelo dikobo ba sena kitso ka yone e bile ba kgona go e amanya le dilo tse di sa amaneng nayo.
Rre Mabaila a re ntswa Modimo o tlhodile tlhakanelo dikobo go dirwa ke banyalani gore malwapa a bone a ate, mo malatsing ano ga go sa tlhole go ntse jalo.
Ka ntlha ya go tlhakatlhakana ga thulaganyo ya tlhakanelo dikobo, a re malwetse a tlhakanelo dikobo a mantsi e bile madi a le mantsi a puso e kabong e a dirisa mo ditlhabololong a dirisiwa go lwantsha malwetse a tlhakanelo dikobo.
Mathata a mangwe, a re ke gore borre ga ba itse gore go na le pharologanyo fa gare ga mme le rre fa go tla mo tlhakanelong dikobong.
O ne a tlhalosa gore fa rre a lapile keletso ya tlhakanelo dikobo e nna e le teng mme fa mme a lapile keletso eo ga e nne teng.
A re dikgang tsa kgokgontsho di dirwa ke gore rre ga a tlhaloganye mme.
O ne a kopa borre go kgathala ka botsogo jwa bone, bogolo jang jwa tlhakanelo dikobo, a ba tlhagisa gore malwetse a a tshwanang le jwa sukiri, go nona mo go feteletseng le go tlhoka go itshidila mmele go ka ama botsogo jwa bone jwa tlhakanelo dikobo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Pitso
Date : 27 Jun 2017






