Dialogane di shwafaditse ntlo
27 Jun 2017
Dialogane tse di sa tswang go aloga kwa sekoleng sa Prison Staff College tsa 2016 ba sa tswa go shafatsa, ba tsenya motlakase ba bo ba aga kamore ya botlhapelo e e nang le metsi mo ntlong ya mmereki wa pele wa dikgolegole, Rre Innocent Makgaba.
E rile kwa moletlong wa go rolela Rre Makgaba ntlo eo mo Mahalapye bosheng, moeteledipele wa tsa dikgolegelo, Rre Silas Motlalekgosi a akgola go menagane dialogane tseo ka di bone go le botlhokwa go thusa mongwe ka bone ntswa ba ne ba ise ba bereke le ene.
Rre Makgaba yo o tshelang ka bogole jwa go tlhoka pono, o dule mo tirong ka 2008 ntateng ya bolwetse.
Rre Motlalekgosi a re le bone kwa lephateng la dikgolegelo ba inaakantse le mowa wa bopelotlhomogi mo setshabeng.
A re tiro ya bone ga se go aga magolegwa fela mme le go fa setshaba seriti e le nngwe ya ditiro tsa bone.
O ne a tlhalosa gape fa ba inaakantse le ba boipelego go bona gore ba ka thusa fa kae, a tlhalosa fa e tlaa re bosheng ba abe gape matlo a le mabedi kwa Kweneng.
Rre Motlalekgosi o ne a kopa ba ba neng ba tseneletse moletlo oo go amogela botlhe ba ba kileng ba tsena kgolegelo, a tlatsa ka go re le bone ke bontlha jwa setshaba e bile ba tshwanetse go tsweledisa botshelo jaaka Motswana mongwe le mongwe go sena kgethololo.
E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Shirley Owageng a tlhalosa fa le bone ba ne ba batla go supa lerato le bopelotlhomogi mo setshabeng.
Mme Owageng a re dialogane tseo di ne tsa ikopanya mme ba etela Rre Makgaba yo o neng a kaya fa ntlo ya gagwe e tlhoka motlakase.
A re o ne a ikopanya gape le mokhanselara wa kgaolo ya Boseja, Rre Tumelo Koolekanye yo o ba thusitseng go batla dithuso gore ba baakanye ntlo ya ga Rre Makgaba.
E rile a tswa la gagwe, Rre Makgaba a leboga go menagane dialogane tseo, lephata la dikgolegelo le botlhe ba ba nnileng le seabe go shafatsa ntlo eo ya gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo ya Ntlo
Date : 27 Jun 2017






