Ba Robelela le Tshokwe ba lela ka bogodu jwa leruo
27 Jun 2017
Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o rotloeditse banni ba Robelela le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare go tshwaragana go bona gore bolwetse jwa tlhako le molomo ga bo tlhagoge gape mo dikgaolong tsa bone.
Rre Mzwinila o ne a tlhalosa fa kgang ya bone ya gore kgaolo ya Zone 7 e fetoge mo go nneng ‘red zone’ go nna ‘green zone’ e le mo tafoleng ka kopo e setse e isitswe kwa mafatsheng a Europe go kopa gore dikgaolo tseo di ka seke di letlelelwe go rekisa nama ya tsone kwa mafatsheng ao.
Mopalamente Mzwinila o ne a tsibogela selelo sa magosi a Robelela le Tshokwe ebong bokgosi Phillip Tamocha le Itumeleng Pelotona fa ba ne ba tlhalosa fa bogodu jwa dikgomo bo ile magoletsa ka dikgomo di kgona go tlodisiwa go tswa kwa Zimbabwe fa dingwe tsa tsone di tsewa go tswa Botswana go tlolela kwa Zimbabwe.
Rre Mzwinila a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya morafe le puso ke tsone fela tse di ka dirang gore bolwetse jwa tlhako le molomo bo nyelele mo kgaolong ya bone.
E rile a ama tsa ditlhabololo, Rre Mzwinila a tlhalosa fa Tshokwe a tlaa bona ditlhabololo ka lenaneo le le faphegileng la ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi jaaka kago ya matlo a mararo a ditlhabololo tsa motse, lebone le le bonelang kgakala, fa matlo a mabedi a borutelo a tlaa agwa kwa sekoleng se sebotlana sa Tshokwe.
O ne a tlhalosa gore matlo a barutabana a fera bobedi le matlo a boitiketso tsone di tlaa agwa ka lenaneo la ditlhabololo la NDP11.
Le fa go ntse jalo, motse wa Robelela o ne o tlaa bona ditlhabololo di tshwana le go gokelwa ga motlakase kwa kgotleng le tse dingwe.
E rile a leboga, mokhanselara wa Tshokwe/Tobane, Rre Dintelo Mosweunyana o ne a rotloetsa banana go ikopanya go bua matshwenyego a bone mme e re morago ba a neele mokhanselara wa kgaolo ya bone gore a kgone go ba kopanya le ba maphata a a maleba.
Rre Mosweunyana a re dikgang dingwe tsa banana di setse di na le lobaka lo loleele mme se se dira gore go nne thata go rarabololwa ka le bosupi bo a bo bo setse bo seyo.
A re dikgang tse dingwe ga di a tshwanela gore di bo di ka emela phuthego ya ga mopalamente gore di rarabololwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : ROBELELA-TSHOKWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 27 Jun 2017






