Breaking News

A selo se twene se monate bobe

27 Jun 2017

Motse wa Sehithwa  o tlwaelesegile thata ka tshwaro ya ditlhapi mo letsheng la Ngami.

Mme se batho ba sa se itseng ke gore batho ba tlotlile lesika lengwe la tlhapi le le bidiwang twene.

Mo potsolotsong bosheng, Mme Junior Rashid, 38, yo e leng mongwe wa batho ba ba ratang seshabo sa twene, a tlhalosa fa twene e na le sebopego se se tshwanang le sa leruarua e bile e le pharologanyo mo tlhaping e e tlwaelesegileng ya bream.

Mme Rashid o kaile  fa ka tshwaro, twene e le borethe e se makokoma jaaka tlhapi e e tlwaelesegileng.

Mme Rashid o tlhalosa gore twene e ka apewa ka methale e e farologanyeng.

Motho o ka e gadika, a e tlhadia kana a e swaa.

Mme Rashid o kaile gore pele ga a gadika twene; o e tlhatswa a bo a e ntsha letlalo a bo a e segelela bosesanyane gore a kgone go ntsha marapo sentle.

O kaile fa marapo a twene a le masesane a sa tshwane le a tlhapi e e tlwaelesegileng, mme e bile fa motho a se kelotlhoko, marapo a teng a kgona go mmeta.

Fa a sena go e segelela, Mme Rashid o e tshela metswako e e natefisang dijo, e nne thokwa mo go kgatlhisang.

Pele ga a e apaya, o kaile fa a e tlhatswa a bo a e segelela a bo a e tsenya mo potong ya Setswana ya maoto a mararo, a bo a e apaya ka molelo e kgabakgaba ka iketlo.

“Fa o batla go dira twene loswao, o e tshela metsi go ftlhelela e butswa.

Fa o setse o bona gore e budule, letlalo le tlaa itlhaola ka bolone a bo o le ntsha.

Marapo le one a ntshiwa pele ga tlhapi e swaiwa.

“Pheletsong ke tshela mahura ke bo ke loka letswai, ke bo ke e swaa ka leswana la mogori,” Mme Rashid a gatelela.

Mme Rashid o kaile gore twene e monate fa e apeilwe ka leiso ka monko wa molelo o e natefisa le go feta.

Mme Rashid o tlhalositse fa twene e le seshabo se se monate e bile tatso ya teng e tshwana fela le ya koko e bile e sena monko o o kalo.

O tlhalositse fa go nna mo motseng o o tshwanang le wa Sehithwa go le molemo thata ka gore tlhapi e bonwa motlhofo e bile ba e reka ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

O kaile fa go na le motshwari wa ditlhapi yo o nnang a mo tla matshediso a mo rekisetsa twene mme e bile o reka mo go ene ka P20 e le nngwe fela.

O tlhalositse fa twene e kgona go dirwa segwapa e bile e le monate le go fetisa e e sa omisiwang.

Mme yo, o tlhagisa fa magalapa a twene a sa jewe mme a ntshiwa ka motho o kgona go rokomologa mmele fa a a jele.

Mme Rashid o kaile fa tlhogo ya twene a swaa a bo a tlhakanya le phaleche a bo a neela dintsa.

O kaile fa dintsa tsa gagwe di na le mmele o o kgatlhisang e le fa twene e gatang teng.

Mme Rashid o rotloeditse Batswana ka kakaretso go ja twene, segolo bogolo fa e le gone e tshwarwang mo nokeng ka e na le dikotla tse di nonotshang mmele e bile di o dibela mo malwetseng ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segolame Seidisa

Location : SEHITHWA

Event : Potsolotso

Date : 27 Jun 2017