Masire o latotswe ko kgotlengkgolo ya Gangwaketse semmuso
27 Jun 2017
Mothusa kgosi ya Gangwaketse kgosi Kebapetse Telekelo, o satswa go latola tautona wa pele Sir Ketumile Masire mo kgotleng ya Gangwaketse semmuso mo Kanye.
Mo boemong ja ga kgosikgolo Malope II, wa Bangwaketse kgosi Telekelo, o latoletse Bangwaketse semmuso fa ba tlogetswe ke ngwana wa bone ebile ene ele mogogi wa setshaba lefatshe lotlhe.
O ba boleleltse gore o tla bolokwa mo Kanye ka labone.o boletse fa manyalo aa tshwarwang ka labone a tlosolositswe gore bangwaketse ba kgone ba tle ba fitlhe Sir Ketumile.
O ne a kopa bangwaketse gore ba itshwarela ka go sotisa mananeo a bone. O kopile ba marekisetso a dinotagi go leletsa ko tlase go supa tlotlo.
Kgosi Telekelo o kopile ba khansele go baya leitlho mo marekisetsong, gore ba seka ba ba tlhabisa ditlhong. O kopile gore batho ba kanye ba phepafatse thata gore baeng baba tsileng phitlhong ba seka baba bona ele morafe oo sa itlotleng.
Le fa gontse jalo makhanselara a borwa ba ne ba etela ko lwapeng la ga mmaagwe Sir Ketumile. Makhanselara ba ne baya go gomotsa ko lwapeng. Ba ne ba tsenya merapelo, mme ba tshephisa gore ba tla thusa mo paakanyetsong ya tirelo tsa phitlho.
Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Alec Seametso o boletse fa ba latlhegetswe ke motsadi. Rre Seametso o ne a emisa dipuisano tsa khansele go fitlha kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le lesome.
O boletse fa leso ele la bone mo gae, ba tshwanetse go thusa ka tlhwaafalo. Makhanselara ka go farologana ba boletse fa e ne ele mogaka yoo gogileng Batswana mo nakong tsedi thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Tatolo ya ga Sir Ketumile
Date : 27 Jun 2017






