Guma o akgola ba Mbalambi
26 Jun 2017
Mogwanto o o duelelwang ke mongwe wa methale e Batswana ba o dirisang go kgobokanya madi a a ka ba thusang go ipelega fa ba na le tiro nngwe e ba ikaelelang go e dira.
Barutabana le baithuti ba sekole se sebotlana sa Mbalambi gammogo le banni ba motse oo, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba le bone ba ne ba bona fa mogwanto o o duelelwang o ka ba tswela mosola tebang le maitlamo a bone a go agela mo-na-le bogole Rre Bangwe Matshana ntlo.
E re ka jaana go twe mokoduwa go thusiwa o o itekang, ba Mbalambi ba ne ba itshokela serame mo mosong wa Matlhatso, ba inaakantse le mogwanto wa dikhilomithara tse di lesome le borataro, e le mosepele o o duelelwang go tswa Zwenshambe go ya Mbalambi, go kokoanya madi a go tsweledisa kago ya ntlo eo morago ga gore ba dire motheo wa yone.
Le fa gontse jalo, dipelo tsa bone di ne tsa boela mannong ka jaana mopalamente wa Tati Botlhaba, Rre Guma Moyo yo o neng e le ene motsamai yo mogolo wa mogwanto oo, a ne a ba itsise fa a tlaa ntsha didirisiwa tsotlhe tsa kago, P5 000 le go gokela metsi mo setsheng seo, sa ga Rre Matshana.
Ka jalo Rre Guma o ne a kopa ba Mbalambi go dira dithulaganyo mo nakong e e sa fediseng pelo go bona ka fa didirisiwa tseo di ka gorogang ka teng kwa Mbalambi, a re o eletsa go bona mo mafelong a Phukwi ba weditse maitlamo a bone a kago ya ntlo eo.
A re se ba se dirileng ke tiro e ntle ya go supa mowa wa neelano le setho se Batswana ba tlholegileng ka sone, a re Batswana ba tswa kgakala ba tshela ka setho sa go akanyetsa bangwe ka bone, ka jalo a kopa gore mowa oo, o tsweledisiwe go ya go ileng.
Mopalamente Guma o tsweletse a supa fa se ba se dirang se tlaa dira pharologanyo mo botshelong jwa ga Rre Matshana, bogolo jang ka a sa kgone go itirela sepe, ka jaana e le motho yo o tsamayang ka thuso ya kolotsana.
Le fa go ntse jalo, o ne a ba gwetlha gore ba thuse Rre Matshana fa go kgonagalang teng gore a kgone le ene a itirele sengwe mo botshelong.
Mogokgo wa sekole sa Mbalambi, Mme Sophie Pharo o ne a supa fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa gore e re jaaka sekole sa bone se tlaa bo se ipelela dingwaga tse di masome mararo monongwaga, ba dire motlhala ka go thusa mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MBALAMBI
Event : Mogwanto
Date : 26 Jun 2017






