Breaking News

Dipalamo ta setshaba ga di a babalesega

26 Jun 2017

Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba rotloediwa go supa boikarabelo le botho fa ba dirisanya le setshaba.

Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la ditsela le dipalamo, Rre Bokhutlo Modukanele fa a ne a bula semmuso letsatsi la pitso ya beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba le le neng le tshwerwe kwa Palapye bosheng.

Rre Modukanele a re nako e tsile ya gore beng ba dikgwebo tsa setshaba ba tlhabolole ka fa ba tsamaisang kgwebo ka teng gore ba busetse seriti le serodumo sa dipalamo tsa setshaba.

A re Batswana ba kile ba bo ba tshepha dipalamo tsa setshaba ka gore di ne di sireletsegile e bile di kgweediwa ke batho ba ba neng ba na le boikarabelo.

A re setshaba ga se sa tlhole se na le tshepho mo dikoloing tsa setshaba ntateng ya pabalesego e e ileng kwa tlase le setho sa babereki ba dikoloi tsa setshaba.

A re dikoloi tsa setshaba, bogolo jang dibese, di tsweletse ka go amega mo dikotsing tsa tsela, a tlhalosa   fa dikotsi tse di bakwa thata ke go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng, go itlhokomolosa matshwao a tsela le go iphetisa dinotagi.

A re go utlwisa botlhoko gore dipagamo tsa setshaba di bo di tsweletse ka go gapa matshelo a batho, a re se se bakile gore batho ba tlhoke tshepho mo go tsone.

A re fa beng ba dikgwebo tse ba ka seke ba tsibogele seemo se, kgabagare Batswana ba tlaa bo ba sa tlhole ba palama dikoloi tsa setshaba ba ikanya dikoloi tsa bone kgotsa go kopa sepalamo mo dikoloing tsa batho tse di itsegeng ka leina la mechoba.

Rre Modukanele o lebogetse mogopolo wa beng ba dikgwebo tsa dikoloi tsa setshaba o mo go one ba tlaa direlang babereki ba bone maina a a tlaa kokomediwang mo diaparong e bile go supa leina la khamphani e a e berekelang.

A re e le ba lephata la ditsela le dipalamo ba lebogetse mogopolo o o dumalanweng ke beng ba dikgwebo tse gore Batswana ba kgone go itse maina a bakgweetsi le baduedisi, bogolo jang fa ba na le dingongorego.

A re molao o o tlaa akaretsa dipagamo tsotlhe tsa setshaba le tse dinnye tse di sa tsamaeleng kgakala.

A re puso e eletsa gore Batswana ba dirise dipagamo tsa setshaba  gore ba goroge ba babalesegile.

A re se se ka kgonega fa beng ba dikgwebo tsa dipagamo tsa setshaba ba ka itshekatsheka mme ba fetola ka fa ba tshwarang bapagami ka teng le ka fa ba kgweetsang ka teng.

A re fa ba ka ikopanya ba dira mokgatlho go ka ba thusa go tla ka melawana e e tsamaisang dikgwebo tse le go kgalemela ba ba sa direng dilo sentle.

A re mapodisi le babereki ba lephata la gagwe ba ka dira gotlhe mo ba ka go kgonang mme fela tiro e ntsi e mo maruding a beng ba dikgwebo tse go ipopa le go itsamaisa sentle.

A re o emetse nako e beng ba dikgwebo tse ba tlaa mmitsang gore a tle go bona ka fa ba fetotseng dilo ka teng.

Rre Modukanele a re dingwe dikoloi tsa setshaba di mo maemong a a sa siamang a a isang boleng jwa pabalesego kwa tlase.

A re fa dipula di na, dingwe tsa dikoloi tsa setshaba di tsenya metsi a mantsi a a felelang a senya dithoto tsa bapalami.

A re dingwe di leswe ga di phepafadiwe.

A re se se kgobang marapo ke gore beng ba dikgwebo tsa dipalamo tsa setshaba ba fa babereki ba puso pipamolomo gore ba rurifatse gore dikoloi tsa bone di siametse tsela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Pitso ya Bagwebi

Date : 26 Jun 2017