Breaking News

Morupisi o rolela ba Moroka didirisiwa

26 Jun 2017

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re go a itumedisa go bona Batswana ba tsibogela mowa wa go aba le wa boithaopo.

Rre Morupisi, yo e leng morotloetsi wa sekole se sebotlana sa Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o buile jalo a rolela morafe wa Moroka didirisiwa tsa kago le dithuso tse dingwe ka go farologana, tse di tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya matlo a boroko jwa baithuti ba ba nang le bogole ba sekole seo sa Moroka.

Didirisiwa tseo, tse di neng di tswa mo makalaneng le dikhamphani ka go farologana go araba pitso le go tswa Rre Morupisi thuso tebang le kago ya matlo ao, di ne tsa rolelwa morafe mo kgotleng kgolo ya Moroka kgwedi eno e le masome mabedi le boraro.

E re ka jaana kago eo, e e neng ya simolodisiwa ngongola ka Phukwi, e setse e le mo legatong la go rulelwa.

Rre Morupisi o ne a tlhalosa fa a itumedisiwa ke go bo a ne a tsile go rola dingwe tse di tlaa dirisiwang go feleletsa tiro eo.

Mokwaledi mogolo wa ga Tautona a re ka fa tiro eo e tsweletseng ka teng, go mo fa tsholofelo ya gore e tlaa wediwa ntle le makgwere ape ka jaana kago eo, e go solofetsweng e tlaa dirisa P1.5 million, e setse e dirisitse P1.3 million, a supa fa go le pele a ne a ipotsa gore a tiro eo e tlaa kgonagala mme tsotlhe di feletse di tsamaya ka fa a neng a eletsa ka teng ka ntlha ya thuso ya Batswana.

Rre Morupisi o boletse fa puso ya lefatshe leno e le pelonamagadi, bogolo jang fa go tla mo ditirong tse di tshwanang le tse, a bo a leboga botlhe ba ba neng ba mo thologa mokgosi tebang le kago ya matlo ao.  

Go ntse go le foo, Rre Morupisi o ne a supa botlhokwa jwa gore bana ba rotloediwe mo ditalenteng tse ba nang le tsone, ka seo se ka ba thusa gore mo isagong ba itshetse ka tsone.

Dingwe tsa dikhamphani tse go neng ga bolelwa di nnile le seabe mo kagong eo ke tsa WHARIC construction, UNISPAN, Building Materials Supplies, Steel Junction, Mascom, Premium Steel Hardware le BOPEU gareng ga tse dingwe.

Ba Zwenshambe le Senyawe brigades le bone ba ne ba lebogelwa seabe sa bone sa go aga kago eo, ntle le tefo epe.

Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa ba-na-le bogole mo ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa a re e rile kago eo e simolodisiwa, ga bewa seelo sa gore e bo e wetse ka kgwedi ya Phukwi monongwaga.

A re ka jalo maikaelelo ke gore e bo e bulwa semmuso ka Phatwe.

Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, gape e le mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale o ne a kaya fa tiro e e dirilweng ke Rre Morupisi ya go ithaopela sekole sa Moroka, e le e tona e e tlhokang go galalediwa.

Rre Butale a re Rre Morupisi o diragaditse maitlamo a tebelopele ya 2016, a tshaba e e kutlwelobotlhoko e le lorato, a tlatsa gape ka go re se se dirilweng se gatelela mafoko a a mo Baebeleng, a a supang fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, ka jalo a kopa batho go tsaya malebela mo go seo.

Mothusa tona o tlhalosa fa mowa wa boipelego e le one o agileng lefatshe leno, ka moo a re fa o ka tsosolosiwa o ka isa lefatshe leno golo gongwe.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moroka, Rre Gobe Moipolai le ene fela jalo o ne a iteela Rre Morupisi legofi, a supa fa a tletse boitumelo go bona ka fa kago e tsweletseng ka teng e bile le didirisiwa di tsweletse ka go goroga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MOROKA

Event : Tholo ya didirisiwa

Date : 26 Jun 2017