Breaking News

Molao ga o a itebaganya le Khama

26 Jun 2017

Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato a re molao o o fetisitsweng ke palamente o o itebagantseng le botautona ba lefatshe leno ba ba tlogelang tiro o ne o sa direlwe Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.

Mme Makgato a re fa molao oo o buiwa kwa palamenteng, bangwe ba ne ba tsaya gore go ne go itebagantswe le Tautona Khama mme go sa nna jalo.

A re molao oo o ne o tshwanelwa ke go fetolwa gore go tsenngwe ditsetlana dingwe.

Molao o o ne o bua gore fa Tautona a tlogela tiro kana a ya go ikhutsa o fiwa madi a go tlogela tiro kgwedi le kgwedi mme fa a bona tiro go tlaa bo go emisiwa madi ao, a re tsetlana e e fetotswe mme e bua gore fa tautona a tlogetse tiro o tlaa tswelela fela a fiwa madi ao le fa a ka bona tiro ka ke tshwanelo ya gagwe gore a a fiwe.

A re tsetlana e nngwe e ne e bua gore fa Tautona a tlogela tiro o agelwa ntlo ya botautona (State House) ka jalo e fetotswe gore Tautona fa a tlogela tiro o ka fiwa madi kgwedi le kgwedi boemong jwa gore a agelwe ntlo mme ga a patelediwe go agelwa ntlo.

Mme Makgato yo e bileng e le mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, a re tsetlana e nngwe e e fetotsweng ke e e neng e bua maina a dikoloi tse tharo tse e reng fa Tautona a tlogela tiro a bo a di rekelwa mme ga fetolwa tsetlana e gore go seka ga buiwa maina a dikoloi mme e nne dikoloi fela tsa madi ao.

A re mo molaong o go ne ga tsenngwa tsetlana e e buang gore Tautona yo o tlogetseng tiro o ka kopa go dirisa mothale mongwe wa sepalamo o tshwana le sefofane go dira ditiro tse dingwe fa a batla go di dira.

Mme Makgato a re palamente e ne gape ya fetisa molao o mongwe o o fang tona wa lephata la merero ya tsa setshaba, boagedi le bong dithata tsa go fefosa go fa babeeletsi tetla ya go tla go gweba mo lefatsheng leno go sena madiadia.

A re go ne gape ga fetisiwa molao o mongwe o o itebagantseng le go anamisa metsi mo lefatsheng leno o o letlang tona wa madi go adima madi a selekanyo sa P1.5 billion.

A re molao o o ne o tlaa thusa mo go direng tsa sennelaruri tse di anamisang metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Kgotla Meeting

Date : 26 Jun 2017