Borre ba holodisa maiteko
26 Jun 2017
Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato o supile matshwenyego ka borre ba a boletseng fa ba seyo kana ba le boutsana mo lenaneong la go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV o o santseng o tsweletse ka go anama.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami bosheng, Mme Makgato a re dipatlisiso di supa fa dipalo tsa borre ba ba itlhatlhobelang mogare di le kwa tlase fa di tshwantshanngwa le tsa bomme.
Ka jalo a re bomme ba itlhatlhobela mogare wa HIV ka dipalo tse di nametsang mme ka fa letlhakoreng le lengwe borre ba tsweletse ka go tlhakanela dikobo le bomme ba sa itshireletse mme ba bo ba tsaya fela gore ba tlhakanetse maduo a itlhatlhobelo mogare le bomme ba bone ntswa maduo a go itlhatlhoba a sa kopanelwe.
A re mo dipatlisisong tse di dirilweng go bodiwa borre gore ke eng ba le boutsana mo go itlhatlhobeleng mogare ba ntsha mabaka a a lolea a tshwana le a gore ga ba a gololesega fa ba tlhatlhojwa mogare ke baoki ba bomme mme bangwe ba re go bulwe dikokelo bosigo ba tlaa itlhatlhoba fa bangwe ba re go bulwe ka Matlhatso le Tshipi gore ba itlhatlhobe ka ba a bo ba le kwa ditirong fa gare ga beke.
O ne a ntsha sekai ka lenaneo la PMTCT la go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng, a bolela fa le busediwa kwa morago ke borre ba e reng fa bomme ba bone ba tsenelela lenaneo la PMTCT ba bo ba tswelela ka go tlhakanela dikobo le bone ba sa itshireletse mme lenaneo le bo le sa dire sentle ka ba a bo ba busetsa mogare mo go bone.
A re fa e kabo borre ba tsaya boikarabelo go kabo go sena dipalo tse di gatisiwang tsa lenaneo la PMTCT le le sa tsamayang sentle kana go kabo go sena dipalo gotlhelele tsa ngwana yo o tsholwang a na le mogare ntswa mmangwana a ne a tseneletse lenaneo la PMTCT.
A re dipatlisiso gape di supa fa borre bangwe ba ba nwang diritibatsi ba sa di nwe sentle.
Mme Makgato a re go dirwa dipatlisiso tsa gore go ka dirwa jang go oka borre gore ba itlhatlhobele mogare ka dipalo tse dintsi.
A re fa go simolodisiwa lenaneo la gore Motswana mongwe le mongwe yo o nang le mogare o ka tsaya diritibatsi le fa masole a gagwe a ise a wele kwa tlase o ne a na le tsholofelo ya gore Batswana botlhe ba tlaa nna le boikarabelo mme o maswabi ka gore mo nakong eno ga go a nna jalo.
O ne a ikuela mo go borre go ititaya ka thupana go itlhatlhobela mogare nako e sale terng. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Lerala
Event : Phuthego tsa kgotla
Date : 26 Jun 2017






