Seemo sa sekole ga se jese diwelang
26 Jun 2017
Seemo sa matlo a boroko kwa sekoleng se segolwane sa Bakgopeng kwa Lesenepole ga se jese banni ba metse e e welang ka fa tlase ga sone diwelang.
E rile ba lekodisa mopalamente wa bone, tona ya tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Prince Maele, ba Moremi ba supa fa sekole sa Bakgopeng se sena dipone kwa matlong a borobalo mo komiti e neng ya patelesega go reka dipone tsa motlakase go ba tshubela tse le tsone mo nakong eno di senyegileng.
Ba ne gape ba re bana ba tlhapa ka metsi a a tsididi mariga, le go ja ga ba je sentle ka ba kgona go felelwa ke dijo pele ga nako e di e beetsweng.
Ba ne ba supa fa sekole se sebotlana se se mo motsing wa bone sa Mapulane le sone se santse se lebanywe ke mathata a go welwa ke ceiling, bodilo jwa matlo a borutelo, matlo a boroko a barutabana le matlwana a boitiketso di le mo seemong se se sa itumediseng.
Ba ne ba ikuela mo go mopalamente go buisana le lephata le le lebanyeng go tsibogela seemo seo, ba re se ngomola pelo, gape ba re go tlhoka metshine e e ntsifatsang dipampiri le o o romelang molaetsa go ka ama maduo a bana, ba buisiwa seo ke go araba boikuelo jwa ga tona jwa gore maduo a kgaolo ya gagwe a wela tlase ngwaga le ngwaga.
Ba ne ba supa fa le bone fela jaaka mopalamente ba tshwenyegile ka kwelo tlase ya maduo.
Kgosi Tshito Days wa Moremi a re ene le morafe wa gagwe ba dule ka lenaneo la go tsena diphuthego tsa sekole fa di bidiwa, motsadi mongwe le mongwe yo o nang le ngwana yo o tsenang kwa di bidiwang teng a iponatse.
A re yo o sa iponatseng o tlaa di gama a sa di tlhapela, a supa fa thuto e le maoto a pitsa, batsadi, bana le barutabana, ka jalo e le kgetsi ya tsie e tlhoka go tshswaraganelwa.
Banni ba ne gape ba supa fa letlhoko la motlakase mo kokelwaneng ya Moremi, go onala ga dikago, go tlhoka sepalemo le gone e le ntlha e e tshwenyeng.
Banni ba metse e meraro eo ba ne gape ba supa fa ba amogetse kgaoganyo ya madi a kgaolo a ditlhabololo le go rurifatsa se ba se dumalaneng le ka fa a tlaa dirisiwang ka teng.
Ba ne ba supa fa ba dikile ba lemile mme molelo wa mariga ba tlaa o ora.
Ba ne gape ba lebogela mananeo a puso jaaka a LIMID, ESP, temo ya nosetso, nyeletso lehuma le lone la ga Tautona la go agela batlhoki matlo ba re bangwe a ba thusitse.
Mo leetong la gagwe kwa Lesenepole, Mopalamente Maele le ba lelwapa la gagwe ba ne ba abela Mme Kelentse Keitirele mogoma o o lemang ka ditonki, seo e le go tsibogela kopo ya gagwe mo diphuthegong tse di fetileng.
Bodiredi ka go farologana ga maphata bo ne jwa tsibogela dipotso, mme ba ditsela ba re ditsela tsa Maunatlala di ya go baakanngwa mo ngwageng ono wa madi.
Ya Lesenepole e ya go gopiwa, mme tona mo godimo ga moo o kopile gore go bopelwe ditotoma tse di fokotsang lebelo la dikoloi mo kgaolong ya gagwe yotlhe.
Ba metsi le bone ba ne ba supa fa ba ya go tsenya dipompo tse di dirisang dikarata, mme ba ikuela mo banning ba metse eo go di dirisa sentle ka di turela lephata.
Ba ne ba re di senngwa ke badirisi ka go tsenya se se sa tshwanelang go tsena mo go tsone.
Ba thuto ba ne ba tlhalosa ka lenaneo le lesha le go solofetsweng mo go lone gore dikole tsotlhe tse dipotlana di tsee bana ba bannye.
Tshimolodiso ya lone e ya go tsaya dikole ka ditlhopha go fitlhelela e akaretsa dikole tsotlhe.
Selelo sa bogodu jwa leruo kwa Lesenepole le Maunatlala ya bo e ntse e le sa letsatsi le letsatsi, ba kopa badiragatsa-molao go ba thusa magodu a a ba thukuthang dipotsanyane le dinamane. BOPA
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Maunatlala
Event : Phuthego
Date : 26 Jun 2017






