Kwa Ukhwi ba lela ka bogodu jwa leruo
26 Jun 2017
Banni ba motse wa Ukhwi mo kgaolong-potlana ya Hukuntsi ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba.
Se se builwe ke Kgosi Gkasekometsa Ping fa a amogela mothusa tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le kgopho leswe e bile e le mopalamente wa kgaolo, Rre Itumeleng Moipisi mo phuthegong ya balemi-barui bosheng.
Kgosi Ping a re dikgomo tsa bone di utswiwa ke banana ba motse mme se se utlwisa botlhoko ka e le bone baeteledipele ba kamoso.
Kgosi o tlhalosa fa mapodisi ba ba thusa mme go sa lekana ka jaana ba tlhoka ditsompelo di tshwana le koloi gore ba kgone ba tsibogele diemo tsa borukutlhi ka bofefo.
A re sengwe se se bakang bogodu jwa leruo ke letlhoko la metsi ka diruiwa di tsamaela kgakala go batla metsi mme di felele di timela.
Le fa go ntse jalo, kgosi a re o tshwenngwa ke barui ba ba sa tshwaeng leruo.
Mongwe wa banni ba motse, Rre Tlhokomelo Mhaladi o tlhalositse fa go tlhoka mafudiso e le nngwe kgwetlho e ba nang le yone ka jaana ba le mo kgaolong ya bojanala.
Rre Mhaladi a re diruiwa tsa bone di jewa ke dibatana di le mo patlong ya phulo mme fa ba ikuela go tsee lobaka gore matshwenyego a bone a arajwe.
E rile fa a ba kgwa dikgaba, Rre Moipisi o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e le go ba batlela metsi, a kaya fa metsi a le botlhokwa mo matshelong a batho le diruiwa.
A re go ngomola pelo go utlwa fa bogodu jwa leruo bo le kwa godimo e bile bo dirwa ke banana.
O bile a ba solofetsa fa a tlaa tsaya matshwenyego a bone mofago go a isa kwa maphateng a a lebaneng. BOPA
Source : BOPA
Author : Mercy Molatole
Location : Ukhwi
Event : Phuthego
Date : 26 Jun 2017






