Breaking News

Ba Mokgware Mogome Radisele ngongorega ka ditsheko

26 Jun 2017

Banni ba metse ya Mokgware, Mogome le Radisele mo kgaolong ya Legareba kgadile molao o o letlelelang  ditsheko tsa bogodu jwa loruo go sekelwa kwa makgotleng a bommakaseterata go na le mo makgotleng a Setswana.

E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla bosheng, tse di neng di buisiwa ke modulasetilo wa mokgatlho wa BIRRO , Rre Mothei Sejakgomo, ba bolela fa go sekelwa ga loruo kwa makgotleng a bommakaseterata go neela magodu sebaka sa go hira kana go thapa babueledi ba go bolelwang ba dirisa maretshwa go tsietsa beng ba dikgomo.

Ba re e le barui ba kgomo ba eletsa ditsheko tsa loruo di ka sekelwa mo makgotleng a Setswana ka jaana beng ba dikgomo ba tlaa kgona go tlhalosa matshwao le ditshipi tsa bone gammogo le mebala ya dikgomo ba sa gatelelwe jaaka kwa makgotleng a bommakaseterata kwa go dirisiwang sekgowa teng.

Ba ne ba tlhalosetsa Rre Sejakgomo fa ditsheko tsa bogodu jwa loruo kwa makgotleng a bommakaseterata di tsaya lobaka go sekwa, mo go dirang gore ka dinako dingwe bosupi bo nyelele, mme seo se dire gore beng ba loruo ba latlhegelwe ke tsheko ntateng ya go nyelela ga bosupi.

Dingwe tse banni ba ngongoregileng ka tsone ke go tlhoka tirisano mmogo fa gare ga mapodisi le batho ba ba ba lomang tsebe ka jaana ka dinako dingwe ba gomagomediwa go itewa ke babelaelwa ntateng ya go ntsha sephiri ga mapodisi.

Rre Sejakgomo o boletse mo diphuthegong tseo fa mmuso jaanong o sa tlhole o letlelela ditsheko tsa loruo go sekelwa kwa makgotleng a Setswana ka jaana ka dinako dingwe magodu a dirisa dibetsa tse di borai jaaka ditlhobolo le dilepe go amoga batho loruo lwa bone.

Rre Sejakgomo a re go oketsega ga dikgwebo tsa diselaga jaanong go dirile gore bogodu jwa loruo bo golele pele mo e bileng bangwe ba dirisa dibetsa tse di borai go amoga batho dithoto.

O kopile batho ba metse eo le meraka e e mo tikologong go tshwaraganela tiro ya go lwantsha bogodu jwa loruo le mapodisi a bo a ba rotloetsa go ya merakeng kgapetsakgapetsa ka jaana badisa bangwe ba ka nna ba tsenwa ke tlhaloganyo ya go itirisetsa dikgomo tsa bahiri. BOPA

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego tsa kgotla

Date : 26 Jun 2017