Breaking News

Sepodisise se tshwenngwa ke go tshololwa ga dikgang

26 Jun 2017

Mapodisi a supile matshwenyego ka batho ba ba pegang dikgang mme morago ba di tsholole go sena mabaka a a utlwalang.

E rile a bua le BOPA, Superintendent Olebile Sitale a tlhalosa fa batho bangwe ba na le mokgwa wa go dirisa sepodisi go tshosetsa ba bangwe kana go batla dithoto tsa bone mme kwa morago ba tsholole dikgang.

Superintendent Sitale a re dikgang tse di tshololwang thata ke tse di amang ba lesika, go tshosediwa go bolawa, dititeo gareng ga tse dingwe, a tlatsa ka go re dipalo tse dintsi tsa dikgang tsa bogodu jwa leruo gantsi baikuedi kwa morago ba batlang go di tsholola.

A re se setshaba se sa se lemogeng ke go bo go dirisitswe ditsompelo tsa puso go leka go thusa moikuedi.  

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa dikgang di tshwana le tsa bogodu jwa leruo ba sa letlelele gore di tshololwe ka ba itemogetse fa badira-molato ba na le mokgwa wa go ikopela mo baikueding go tsholola dikgang ka maikemisetso a go busa leruo la bone le go oketsa dipalo tse ba di utswileng mme ba tlatse leruo leo ka la bogudu gape, e be e nna selo modiro.

A re dikgang tse dingwe tse ba sa letleleleng gore di tshololwe ke tsa melato e ba e tseelang kwa godimo e tshwana le matshosetsi a polao ka ba sa itse se se ka diragalelang moikuedi, a tlatsa ka go re mo nakong e e fetileng ba ne ba kwadisa dikgang tsa matshosetsi a polao tse di tsholotsweng mme kwa morago baikuedi ba felela ba bolailwe.

Superintendent Sitale a re dipalo tsa dikgang tse di tshololwang di a gola, a supa fa ngogola go simolola ka Hirikgong go fitlha ka Motsheganong ba kwadisitse dikgang di le lekgolo le bongwe  tsa go tshololwa ga dikgang fa monongwaga dikgwedi tseo go kwadisitswe lekgolo le masome a mabedi.

A re  ngwaga o o fetileng ba kwadisitse dikgang di le makgolo mararo, masome a mane le boferabobedi, mme a kaya fa dipalo tseo di tshwenya ka di oketsega.

A re setshaba se tshwanetse go itse fa badiramelato ba tshwanetse go otlhaiwa gore ba fiwe bogakolodi le go sidilwa maikutlo, tiro e e dirwang ke ba lephata la dikgololegelo ba leka go thusa badiramolato go ikaga sesha, ka moo a gwetlha setshaba go ba tlogela go dira tiro ya bone, le go thusa badiramolato go itharabologelwa.

O gateletse botlhokwa jwa gore pele ga baikuedi ba ya sepodising ba leke ditsela tsa go ka rarabolola kgang mme a re mo melatong e metona go botlhokwa thata go ikuela kwa sepodising le go emisa go tsholola dikgang tse ba di pegileng.
Superintendent Sitale a re baikuedi ba ikakanye sentle.

A re ga go molato mo dikgannyeng di thswana le tsa tlhoka kutlwisisanyo ga masika jaaka matlhapa gore di buiwe kwa lapeng fa di padile ke gone di isiwe kwa sepodising. BOPA

Source : BOPA

Author : Kesego Ngwai

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 26 Jun 2017