Kgokelo ya didiba e tsweletse
26 Jun 2017
Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Rre Itumeleng Moipisi a re kgokelo ya didiba go thusa barui mo kgaolong ya gagwe e tsweletse ntswa mo mafelong mangwe go sa ntse go saletse morago.
Fa a buisana le balemi-barui kwa Phepane le Hunhukwe bosheng, Rre Moipisi o tlhalositse fa taelo ya kgokelo didiba e dirilwe ke Tautona ka 2013 fa a ne a etetse kgaolo eo.
Ka nako eo, a re Tautona o ne laela gore ba lephata la metsi le la khansele ba kopane go thusa go gokela didiba tse di tlaa thusang morafe.
Mo nakong e no, a re sediba sa Lehututu se setse se goketswe ga bo ga gogelwa metsi kwa Phepane gore barui ba nose teng.
A re sediba sa Tshane le sone se goketswe, fa sa Maake le sa Monong di tlaa gokelwe mo bogaufing.
Rre Moipisi yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la tsamaiso meroro ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe, o tlhalositse gore mafelo a a saletseng kwa morago ke Moate, Zutshwa le Ukhwi fa kwa Hukuntsi go ise go bonwe sediba sepe se se ka gokelwang.
O ne a tswelela ka go re ka a kile a kopa puso go sekaseka go simolodisa dithuto tsa go baakanya didiba mo dikoleng tsa ithutelo tiro tsa diatla tse di mo kgaolong ya gagwe ka kgaolo ya gagwe e le ya thuo, a re kgang eo e a sekwasekwa e bile e setse e fetetse kwa khuduthamageng ya matona.
O ne a tlhalosa gape gore go mo thulaganyong ya go bula matlhabelo a dihutshane kwa Tsabong, ka jalo a kopa barui go ipaakanyetsa go tla go a dirisa.
O ne a ba rotloetsa go rua dihutshane ka di le bogadi bo gaufi.
Balemi ba ne ba bolelela tona gore mhero wa tolela o ba apesitse kobo ka letshoba e bile ba dule ba iphotlhere mo letsemeng le le fitileng.
Barui ba Hunhukwe bone ba ne ba ikuela mo go mopalamente gore ga ba na mokenti, ba tlhatlhela dikgomo ba boe ba di bolotse ba sa bona thuso.
Seemo se, ba re se ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go rekisetsa matlhabelo dikgomo.
Mongwe wa barui, Mme Grace Paledi a re go a swabisa gore ntswa kgaolo ya bone e na le meraka e le masome maroro le bobedi go bo go sena mokenti.
O ne gape a tlhalosa fa go sena koloi e e thusang maphata otlhe mo motseng, ntswa e rile dingwaganyaneng tse di fetileng go ne ga twe motse mongwe le mongwe o tlaaa fiwa koloi. BOPA
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Hunhukwe
Event : Bokopano
Date : 26 Jun 2017






