Breaking News

Phirinyane o abela baithuti

26 Jun 2017

Mookamedi wa marekisetso a Saverite mo Kanye, Mme Keanole Phirinyane o abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Phutisutlha kwa Lotlhakane kapari ya sekole bosheng.

Fa a ntsha la gagwe, Mme Phirinyane, yo o neng a aba dipara di le lesome le bobedi tse di feletseng, a re o ne a tsibogela botlhoki jwa bana ba sekole morago ga gore mogokgo a itele mo go ene bosheng.

Mme Phirinyane a re go nametsa maikutlo go bo a abela bana ka e le  motho yo o lorato mo baneng, mme e bile tlholego ya go aba ga gagwe e tswa kwa lapeng.

Fa a amogela dimpho, mogokgo wa Phutisutlha, Rre Thatayaone Sefiwa o ne a re o thamuketse ka boitumelo, segolo bogolo ka Mme Phirinyane a tsibogetse kopo ya bone mariga.

Rre Sefiwa a re mo nakong e maduo a bana a fa gare, mme ba eletsa go bona pharologanyo mo nakong e e tlang.

A re letlhoko la ditsompelo tse di rileng, tse di akaretsang lobala lwa metshameko le ntlwana ya borutelo ya ngwana-o-ruta ngwana  ga di jese di welang.

Morutabana wa dithuto tsa bokaedi, Mme Phemelo Moeng o ne a tlatsa ka go re Mme Phirinyane o dirile tiro e ntle ka gore o rotloetsa bana go natefelelwa ke sekole.

Mme Moeng o ne a tlatsa ka go re go apara kapari ya sekole go fa bana seriti le go ithuta ka phuthologo go sena kgethololo.

Mookamedi wa tsa boipelego, Mme Georgina Ramosukwana, o iteetse mafoko ao kobo moroko ka go re ba lebogela thuso e ka gore e re le mororo puso e itlamile go thusa batlhoki, ga e kake ya kgona e le nosi.

O ne a rotloetsa batsadi go ruta bana gore bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya tsie, a tlhalosa fa Mme Phirinyane a supa letshego la Vision 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.

Mme Ramosukwana a re paka ya sekole e tlaa dira bana moko o thata ka jaanong ga go  na  pharologanyo le balekane ba bone.

O kopile bana gore ba ikgaphe mo diraing di tshwana le tlhakanelo dikobo le nnotagi ka di ba ntsha mo tseleng.

Mokhanselara wa Lotlhakane East, Rre Patrick Mosimanegape o ne a akgola tiro eo ka gore go aga ngwana ke go aga tshaba ya Botswana. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshegofatso Mongwaketse

Location : Lotlhakane East

Event : Kabo dimpho

Date : 26 Jun 2017