Go botlhokwa go direla motse wa gago sengwe - Mosojane
22 Jun 2017
Mo maitekong a gagwe a go busetsa sengwe mo motseng wa gaabo, Moatlhodi wa pele wa kgotla kgolo ya ditsheko, Rre John Mosojane o inaakantse le lenaneo la ‘Adopt a School’, le ka lone a tsweletseng ka go thusa sekolo se se botlana sa motse wa Letsholathebe mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ka dithuso tse di farologaneng.
E ne ya re kgwedi eno e le masome a mebedi le motso, Rre Mosojane a abela sekolo seo sa Letsholathebe dikhomputara tse tharo le kgatisi ya dikwalo (printer), kapari ya Metshameko ya kgwele ya dinao le bololotloa gammogo le dibolo tse pedi tsa tlhwatlwa e e sa bolelwang.
Fa a rola dimpho tseo, mo moletlong o mokhutshwane o tshwaretswe kwa sekolong sa Letsholathebe, Rre Mosojane, yo neng a patilwe ke mohumagadi wa gagwe, Mme Ludo Mosojane o ne a tlhalosa fa a bona go le botlhokwa go busetsa sengwe mo motseng o a goletseng mo go one, e le bontlha bongwe jwa go isa malebo.
Ka jalo a rotloetsa baithuti ba sekolo seo, go tlhwaafalela thuto ya bone gore le bone ka moso ba kgone go tsweledisa mowa oo, wa go thusa motse wa bone le lefatshe leno ka bophara ka dingwe tse di tlaa bong di santse di tlhaela.
Rre Mosojane a re o thusa sekolo seo, ka maikaelelo a go bona se ntsha maduo a a nametsang le gone go alosa dikgantshwane tsa popota mo metshamekong, a re ka jalo dimpho tseo, di dirisiwe ka mo go tshwanetseng gore di ntsha maduo a a solofetsweng mo go tsone.
O ne a supa gape fa ka dikhomputara tseo, a eletsa go bona bana bangwe ba motse wa Letsholathebe ba nna bomaitseanape ba dikhomputara, a tlatsa ka gore bana ba tshwanetse ba itse fa Modimo a ba abetse dimpho ka go farologana, mme go tlhokana fela le gore ba lome molomo wa tlase mo go sepe se ba se dirang le gone go reetsa ditaelo tsa barutabana le batsadi ba bone gore dilo di ba tsamaele sentle mo botshelong.
Rre Mosojane o ne a gwetlha bogogi jwa sekolo sa Letsholathebe go tswelela ba kopa fa ba tlhaelang teng, ka jaana ngwana yo o sa leleng a swela tharing.
Dibui ka go farologana ba ba neng ba tsene moletlo oo, ba ne ba rolela Rre Mosojane hutshe mo tirong e a tsweletseng ka go e direla sekolo sa Letsholathebe, ka go ne ga tlhalosiwa fa ise latlha a dira tiro ya go nna jalo, ka ngwaga wa 2014 a ne a abela bana ba sekolo seo paka ya sekolo.
Mo mafokong a gagwe, mogolwane gotswa mo lephateng la thuto gotswa ko moding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Angela Matlhape o ne a supa fa lephata la gagwe le ne la tswa ka mogopolo wa go kopa thuso mo setshabeng ka lenaneo la Adopt a School ka ngwaga wa 2012, a re lenaneo leo le bulegetse batho ka bongwe ka bongwe go thusa ka sepe se ba ka se kgonang, se se ka nnang le seabe mo go tokafatseng maduo mo dikolong.
Mme Matlhape o ne a supa fa a itumedisiwa ke go bo banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba go lebega ba tsibogetse lenaneo le, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo, wa go dira bomolemo go ya go ileng.
Mongwe wa dibui, Mokwaledi mogolo wa lephata la thuto gotswa mo khanseleng ya Bokone Botlhaba, Mme Mafoteng Mahole o boletse fa bone e le ba khansele ba nametsega segolo bogolo, ka jaana Rre Mosojane a ba diretse tiro motlhofo ka ba sa kgone go fitlhelela dikolo tsotlhe tebang le go di rekela dikhomputara ka ntlha ya tlhaelo ya madi.
Mme Mahole a re ere ka jaana Rre Mosojane a ntsha dimpho tseo ka tsholofelo ya go bona maduo a a itumedisang mo sekolong sa Letsholathebe, ka jalo go le mo maruding a ba-na le seabe botlhe go leka bojotlhe go seke ba mo swabisa ka gope.
Kgosi Gillard Letsholathebe wa motse wa letsholathebe o nea rotloetsa morafe wa gagwe go tsaya boikarabelo jwa go sireletsa dithoto tsa sekolo, go na le go tlogelela barutabana mokgweleo otlhe wa go dira jalo.BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Letsholathebe
Event : Kabo dimpho
Date : 22 Jun 2017






