Breaking News

Ba Mogapinyana ba tla a tshuba

22 Jun 2017

Banni ba Mogapinyana baya go tsenyediwa dipone tsa mekgwatlha gotswa fa lebenkeleng la bone laga Tsotsi go fitlhwa kwa kgotleng mo ngwageng ono wa madi.

Seo se tlhalositswe ke mopalapmente wa bone yoo o mo leetong la kgaolo, fa ane a buisana le bone ka se a se kupileng  mo lenaneong la ditlhabololo  tsa setshaba la  NDP 11. Oile a lebogela morafe gobo ba bone go tshwanela gore mo mading abone a ditlhabololo tsa kgaolo ba akanye go godisa kokelwana ya bone ya Maokaatumo le matlo a VDC.

Mo tekodisong one a tlhalosa fa bangwe ba supile fa mochine wa bobedi wa ditlhopho o tlhokega, are mochine wa bobedi ke o o rurufatsang gore motho o tlhophile ka gontsha dipampitshana tsa tlhopho o o bidiwang .

One are mochine oo o ya go tlhokana le madi a mangwe a mantsi  gore o rekwe, mme are go dumelanwe gore le one o ka rekwa fela jaaka oo balang dithopho, o a neng are ba ofisi ya ditlhopho batlaa tsamaya ba o supa le go ruta batho kafa o berekang ka teng pele ga ditlhopho tsa 2019.

Banni ba Mogapinyana bane ba lebogelwa go tsibogela kwadiso ya  ditsha e e tsweletseng kwa motsing wa bone le go dira ka natla ga ba itlhaopi ba sepodise ba tshwaragane le mokhanselera wa kgaolo yoo o bathusang ka koloi fa mpuru a faretswe. Mma boipelego wa motse oo le ene one a lebogelwa gore a bo a kgonne go wetsa tsheka tsheko ya bana le bogole le batlhoki ka nako

Ba Kgagodi bone ba ne basupa fa morero le morafe o santse otlhaela, bare go beilwe lebala la difofane mo thoteng ya bone ba sa rerisiwa, bane bare ga ba kgathanong le ditlhabololo mme ba eletsa di ka dirwa sentle ka morero go itsa dikgang tse dika nnang teng ka gore lefelo leo ke maota/masimo le mafudiso.

Bane gape ba ngongorega ka madi a a a belweng dikole a paakanyo bare a mannye fela thata a  okediwe gore badiri le bone ba kgone go okelediwa fa ba baakanya tse di senyegileng.

Ba buile gape ka madi aa kgaoganyeditsweng dikgaolwana tsa bokhanselera a ditlhabololo tsa kgaolo bare ga a a kgaogangwa sentle, bare dikgaolwana tsa bokhanselera ga dilekane ka jalo le madi a tshwanetse a kgaogangwa ka bophara ja kgaolwana ya bokhanselera e seng gore a leka lekangwe fela.

Banni ba metse eo bane ba lebogela thata mochine wa bobedi gore a  onne teng go fokotsa dingongorego tse di kannang teng tsa gore bangwe ba tsieditswe.BOPA.

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Loeto

Date : 22 Jun 2017