Breaking News

Puso e tla a fudusa dikamela kwa Phuduhudu

22 Jun 2017

Mothusa Tona wa Lephata la tsamaiso meroro ya lefhatshe ,metsi le ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe,Rre Itumeleng Moipisi o tlhalosetse fa  puso  etla fudusa  dikamela tse di kwa polaseng ya kgodiso ka seatla ya phuduhudu.

Fa a buisa  balemi-barui ba kgaolo ya Kang le mabapi ka Mosupologo,Rre Moipisi  a re puso e ne ya tsenya dikamela mo polaseng ya kgodiso ka seatla morafhe osa rerisiwa, “le nna kene ka e bua thata kwa palamenteng gore puso e tseetse morafhe polase ya kgodiso ka seatla ya tseya dikamela mo teng jaanong ga gona kwa  morafhe ba goedisang teng.”

Ka a ntse a setse kgang e morago,a re o kopane le tona wa  lephata la Tikologo,tshomarelo di tsa tholego le Bojanala,Rre Tshekedi Khama  mme a mo solofetsa gore dikamela tseo di  tla fudisitswe kwa polaseng ya dithopho  e e kwa kgolong ya  kweneng ka Phukwi ngwaga ono.

Morago ga  phuduso ya dikamela, a re  polase etla a  baakanngwa gore ere ka  Ngwanatsele   barui ba kgone go isa   dikgomo tsa bone kwa kgodisong.

O ne a tlasa ka gore le dipitse tsa naga tse di kwa polaseng eo  le tsone di tla fudusiwa.

Rre Moipisi yo eleng gape Mopalamente wa Kgalagadi bokoni, o ne a tsibogela matshweyego a kgosi ya Kang, Mme Basadi Seipone a gore puso e ba tseetse polase ya kgodiso ka seatla ya tsenya dikamela le dipitse tsa naga mo teng,  seemo se areng se tsere lebaka se beile barui ka fa mosing.

A re se sene sa dirwa ntle ga morero le morafhe.

Kgosi Seipone a re ntswa puso e thophile kgaolo ya Kgalagadi  go nna lefelo la  thuo go a swabisa gore ditlamelo tsa thuo di bo di le boutsana mo kgaolong eo,a  fa sekai sa gore mo kgaolong ya Kang gona le ngaka ya leruo ele nngwe fela.

Mo go tse dingwe,Rre Moipisi  o ne  a tlhalosa   fa a ne a  sala morago kopo ya morafhe  ya  go segelwa dipolase kwa Kang bophima mme karobo ya nna gore morago ga gore go  segwe dipolase kwa Kang botlhaba  go ne ga  tswa tshutiso kwa khanseleng gore  go emisiwe go segwa dipolase  mo kgaolong ya kang ka di tsaya  mahudiso a barui mme khansele ya atla tshuteso.

Ka jalo ga emisiwa go segwa dipolase  mo kgaolong ya Kang.

Balemi barui ba koo bane ba supa fa  go sena  tshutiso ya mofuta o, ba re se ke seipato ka go e supeediwe go pala.

Bangwe  ba neng ba supa fa kgang ya tshutiso e se boaammaruri  ke Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse,Major General Gobuamang Thokwane le Rre Joseph Phori.

Keletso ya balemi barui  ke gore ba  bewe didiba kwa Kang Bophirima  mme morago ba segelwe dipolase.

Thulaganyo e bane ba supa eka thusa gore banni ba koo ka bontsi ba bone dipolase ba supa fa erile fa go segwa dipolase kwa Kang botlhaba bane ba nna ka fa mosing ka banni ba  koo ba le babedi fela ba na le didiba mo kgaolong eo .

Fa a tsibogela kgang e, Mopalamente o ne a supa fa atla batla boammaruri jwa kgang e. BOPA.

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Kang

Event : Moletlo

Date : 22 Jun 2017