Phamola o inamola lehuma ka katara
22 Jun 2017
Monana wa Mabesekwa, Rre Keleemetse Phamola, yo o dingwaga tse di masome mararo le motso wa kgotla ya Mokuelele o inamola leuba ka katara.
O tlhaloseditse BOPA gore ka jaana letlhoko la ditiro le tshwarisitse banana phage ka mangana, o ne a bona go le botlhokwa gore a nne le tsela e a ka itirelang botshelo ka yone.
Monana yo o tlhalositse fa ene go tswa bonnyaneng, go letsa katara go ne go le mo mading a gagwe mme ka jalo a bona go le maleba go dirisa bokgoni joo go gweba.
“Ke ne ka itlhophela go letsa katara go ka ntlodisa dinokana di penologa,” a bolela jalo.
O ne a tlatsa ka go tlhalosa gape fa go letsa katara mo go ene e ne e le tsela nngwe ya go akola boswa jwa kwa gagabo.
“Tota rona mo lesikeng la rona re tshotswe re le bomankge ba go letsa katara. Masika a rona le ba ba robetseng ba ne ba jesa banni ba kgaolo e tswina ya melotsana ya katara,” a tlhalosa.
O itsege jaaka Twista mo kgwebong ya gagwe mme o tlhalositse fa motlogolo wa gagwe, Rre Shadrack Phamola, a ne a le swele thata mo katareng, mme ka jalo ya nna ene motho yo a mo kwataboletsang botsipa jwa go letsa katara.
Twista o supa fa ba ne ba nna di ya thoteng di bapile go letsa katara nako le nako mo lwapeng e le go itlosa bodutu mme morago ba simolola go nna ba diragatsa mo motseng, mo medirong le kwa meletlong e e farologaneng e akaretsa ya manyalo, phathi, le kwa kgotleng mme ba atswiwe ka lemmenyana go ijesa ba ikapesa ka letseno leo.
Le fa go ntse jalo, Rre Phamola o tlhalosa fa e ne ya re fa a ya go tsweledisa dithuto kwa sekoleng se segolwane sa Masunga ka 2013, a nama a eme go se go nene gore a itebaganye le dithuto a sa iteege tsebe.
E ne ya re a wetsa lekwalo la botlhano ka 2014, a ikgata motlhala a ikgakologelwa mo mererong ya katara mme ka 2015 o ne a iteka lesego mo dikgaisanyong tsa bodiragatsi tsa ga Tautona mo Tonota.
Twista o tlhalosa fa a ne a ikgapela maemo a bone gareng ga matshwititshwiti a badiragatsi ba katara.
O boletse fa le mororo a ne a sa kgona go iponela maemo a a neng a ka mo fetisetsa kwa legatong le lengwe go phadisanya le ba dikgaolo di sele, ene mo go ene e ne e le maiteko a mantle ka e ne e le lantlha a tsenelela dikgaisanyo tseo e bile di tshologetswe ke badiragatsi ba le mmalwa.
“Ke ne ka dirisa go sa atlega ga me go nna segakolodi gore ke nne le maitemogelo go batla go itse gore sentlentle go tlhokega eng gore kgabagare ke bo ke le malala a laotswe,” a tlhalosa jalo, a supa fa a ne a itse gore ga bo se gangwe.
Mo dikgaisanyong tsa 2016, Twista o ne a tla a itumile wa tlase ka a ne a itlhokoditse go utlwala e bile a na le maikaelelo le maitlamo go supegetsa badiragatsi ba kgaolo potlana ya Tonota se a leng sone.
“Ke ne ke dirile itlhokotso e e tseneletseng e bile ke na le lesedi gore go tlhokega eng ga go tlhokege eng go diragatsa mo mererong ya katara,” a bolela jalo.
O ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go diragatsa ka mashetla le botswapelo go ne ga ngoka matlho a baatlhodi mme ba mo tlhoma kwa setlhoeng go nna ene yo a gaisitseng botlhe.
Kgeleke eno e supile fa phenyo eo e ne ya mo dira motlotlo a bo a tlotlomatsa le kgaolo ya gagwe kwa dikgaisanyong tsa makgaolakgang tsa dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe leno.
Legale tlhalosa fa a ne a tlhoka lesego go iponela phenyo ya makgaolakgang ao kwa toropo kgolo Gaborone.
Monongwaga o ne a nna a tsweledisa mosepele wa gagwe le dikgaisanyo tsa bodiragatsi, mme a retelelwa a kgona go iponela maemo a bolesome le borataro.
A re go sa dira sentle moo ga go kake ga mo kgoba marapo mo tswelelong pele ya gagwe go nna sekgantshwane sa katara.
Rre Phamola o bile a kgothatsa banana ka ene gore ba seka ba inyatsa mo botshelong ba dira letlhoko la mebereko e le seipato.
A re ba tshwaragane le mmuso go ka tswa ka methale e ka yone ba ka fefosang go tlhangwa ga ditiro le go tsaya karolo mo mererong ya go leka go tswakanya itsholelo ya lefatshe.
O gateletse fa bodiragatsi bo na le bokgoni jwa go fetola motshelo a bone fa fela ba ka bo tsaya ka tlhoafalo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : Mabesekwa
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2017






