Breaking News

Dikgomo dingwe di tshwerwe kwa Zimbabwe

22 Jun 2017

Mapodisi a Bobonong a kopa barui ba meraka e e mo tikologong ya noka ya Shashe go ikopanya le ofisi ya bone mabapi le dikgomo tse di tshwerweng mo magodung kwa Zimbabwe.

Mo potsolotsong le  ramapodisi a Bobonong, Superitendent Paul Seoko a re dikgomo tseo, tse go belaelwang di tlholega mo Botswana e bile di belaelwa di tswa mo kgaolong ya Zone 7, di tshwerwe ke mapodisi a Zimbabwe kgwedi eno e le lesome le borobabobedi.

Rre Seoko a re dikgomo tseo di masome marataro le botlhano mme di sentswe matshwao le tshipi.

Superitendent Seoko a re dikgomo tseo di tshegeditswe ke mapodisi a Zimbabwe kwa kampeng ya SunYetsen mme ba kgonne go lemoga gore dikgomo tseo di ka tswa di tlholega mo kgaolong ya Zone 7 morago ga go bona di le tharo tsa tshipi ya C7 le ya ba matlhoko a leruo ya VRS.

Rre Seoko a re dikgomo di akaretsa tse dinamagadi, dinamane le tse ditonanyana mme o kopile barui go ikgolaganya le ofisi ya gagwe go tsaya motlhala wa go ya kwa Zimbabwe.

O suiple fa kampa ya SunYetsen e se kgakala e bile barui ba ka dirisa kgoro ya molelwane ya Mabolwe go ya go bona dikgomo tseo.

Rre Seoko o kopa setshaba gore ba dirise dikgoro tsa melelwane go ya go bona dikgomo tseo ba seka ba thoba ka ke molato go dira jalo.

A re ba tlaa itshwaraganya le ba sepodisi sa Zimbabwe fa barui ba emelela go ya bona dikgomo tseo. BOPA

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Bobonong

Event : Potsolotso

Date : 22 Jun 2017