Emisang go ikabela lefatshe - Dikgang
22 Jun 2017
Banni ba Mahalapye le metse e e mo tikologong ba kopilwe go emisa mokgwa wa go ikabela ditsha tsa bonno le masimo.
Kopo e e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotlana la kabo-ditsha mo Mahalapye, Mme Adelaide Dikgang mo phuthegong ya kgotla ka Mosupulogo.
Mme Dikgang o ne a tlhalosetsa morafe ka ditirelo tsa lekgotlana la gagwe gammogo le go supa maloko a masha.
A re go ngomola pelo go bona Batswana ba tsweletse ka go ikabela lefatshe la bonno, masimo le meraka ntswa ba itse fa go dira jalo go le kgatlhanong le molao ka jaana batho ba go nna jalo ba ka hudusiwa kana ba lefisiwa madi kana kgwedi tse di lesome le bobedi mo kgolegelong.
Mme Dikgang o ne a tlhalosetsa phuthego eo gore mo bathong ba le 21 679 ba ba abetsweng ditsha, ke batho ba le 14 376 fela ba ba kgonneng go kwadisa ditsha tsa bone, mme a kgothatsa ba ba iseng ba kwadise ditsha go dira jalo go hema gore ba ituelele madi a go potielwa ga ditsha.
Mme Dikgang a re komiti eo, e e tlaa gogang ngwaga tse tharo mo tirong ya go abela batho ditsha tsa bonno, dikgwebo, masimo le meraka, e ngongorwa ke Batswana ba ba tsweletseng ka go rekissa ditsha, mme morago ba kope tse dingwe.
O ngongoregile gape ka batho ba ba kopang tetla ya tiriso ya metsi kwa lephateng la metsi le mororo ba ise ba kope setlankana sa sediba kwa lekgotlaneng la kabo-ditsha a re go dira jalo ke molato.
A re bagwebi ba kgaolo ya Mahalapye ba kolota lekgotlana la kabo-ditsha P17 million a lekgetlho la lease a a duelwang ngwaga le ngwaga, mme a bolela fa bagwebi ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato fa ba sa ikemisetse go duela melala eo.
Mongwe wa dibui e ne e le leloko la komiti eo, Rre Badisa Oboletse yo a neng a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go tswelela ba dirisana le balebeledi ba lefatshe gammogo le magosi ka e le bone ba itseng mekono le melelwane ya dikgaolo tsa bone.
Rre Oboletse o tlhalositse fa e le boikarabelo jwa bone e le Batswana go bala melawana ya makgotlana a kabo ditsha gore ba itse ka fa lefatshe le ajwang ka teng le gore ba tshwanetse go tlhabolola ditsha mo nakong e e kae.
Rre Basimane Toteng ene o ne ngongoregela go tlhoka go phimolwa keledi ke lekgotla la kabo-ditsha ntswa ba sale ba tsere lefatshe la bone kwa merakeng ya Matapana ka 2012.
E rile Kgosi Duncan Segotsi a amogela baeng a kgothatsa morafe go tsena diphuthego tsa kgotla ka e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka mananeo a puso mo go tsone le go tlhalosediwa ka ditlhabololo tsa motse wa bone.BOPA
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Jun 2017






