Thuto ka temo e ntsha le maduo
22 Jun 2017
Molemisi wa Sebina, Rre Thutoetsile Thutoetsile a re temo ya tshomarelo e ka nowa moro ka go setse go itshupile fa e na le maduo.
Rre Thutoetsile o buile jaana ka letsatsi la go ipilela thobo ke balemi ba Tutume kwa tshimong ya ga Mme Baboloki Majaga ka Laboraro. A re lenaneo la go pitikolola mmu le botlhokwa ka le somarela bokgola gape le thibela kgotlelesego ya mmu ka go pitikololwa mmu go dirwa meralo ya kelelo ya metsi go sa pitikololwe lefatshe lotlhe jaaka mo go tlwaelesegile.
O boletse fa ba lemogile gore mokgwa o o neng o dirisiwa wa go lema ka terekere o kgotlela mmu ka metsamao ya yone e mentsi ka e a lema kana go pitikolola mmu,mme seo se dire gore mmu wa teng o felele o tsewa motlhofo ke phefo le metsi le gone le go latlhegelwa ke dikota.
Molemisi a re go pitikolola mmu go somarela metsi ka a kgona go elela sentle, a tseye nako a le mo mmung mme bokgola jwa teng bo fitlhelwe ke dijalo.
Gape terekere e tsamaya ga nngwefela, e rala ditselana mme molemi a jale ka nako ya temo a tsamaya a latlhela peo ka letsogo ka ditselana.
O tlhalositse fa tiro ya go pitikolola mmu e direga botoka morago ga go roba gore matlhaka a a mo tshimong a sale a khurumeditse mmu oo le gore o seka wa kgotlelesega gape letlhaka le ya go nna monontshane.
O ne a kopa balemi go tlogela mokgwa wa go tlhatlhela dikgomo mo masimong, a re dikgomo di tla ka mehero e e farologanyeng e e sa siamelang dijalo.
O ne a galaletsa balemi ba kgaolo eo a re ba lema ba kabakanya dijalo, selo se se a siametseng temo.
E rile a ntsha la gagwe, mookamela marekisetso a Botswana Agriculture Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto a kopa balemi go tlogela mokgwa wa go ikaega ka go ya go bereka kwa Pandamatenga mme ba leme mo masimong a bone.
Rre Woto a re masimo a fetogile dikgwa, batho fa ba re ba lemile ba lema ekere fela,bangwe ba leme mme ba phuaganye masimong a bone.
A re mokgwa oo ga o a siama ka o diga temo ka go lema go tshwanetse ga nna le dipoelo.
A re BAMB e diretswe go reka thobo mo baleming go e rekisetsa Batswana le mafatshe a sele mme balemi ba santse ba le kgakala le go goroga fa seelong.
O ne a ba kopa go tsaya dithuto tsa balemisi tsia le go di diragatsa gore ba kgone go jesa lefatshe leno le go tlhabolola matshelo a bone, a ba gwetlha go ema ka dinao go itirela dijo.
A re kgwebo nngwe le nngwe e tlhokana le lerato le bopelotelele gore e tswelele sentle.
A re ke sone se se neng sa dirwa ke Mme Majaga mme a kgona go bona thobo e nametsang.
Mme Majaga ene o boletse fa a simolotse go lema ka go pitikolola mmu ka 2013.
A re fa e sale a lema ka one mokgwa oo mo ekereng o kgona go ntsha thobo e a kgonang go jesa balelwapa la gagwe le go rekisa tota.
Mme Majaga a re mananeo ape a balemisi ba reng a siametse temo ga a ke a re kamoso, o nna tsebe ntlha go reetsa le go kopa dikgakololo mo go bone mme a lekeletse.
A re go sala morago ditaelo tsa balemisi le go diragatsa se ba se buang ke yone pheko e tona mo temong.
Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tla go rutana ka tsomarelo ya temo le go ruta balemi mekgwa mengwe e ba ka e dirisang ka nako ya komelelo. BOPA
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Ipelelo thobo
Date : 22 Jun 2017






