Thusang puso go tlhama ditiro
22 Jun 2017
Mogwebi mmotlana wa didirisiwa tsa motlakase, Rre Morgan Tebatso o gwetlhile Batswana go dira ka nata go tlhama ditiro gore ba kgone go itshetsa ka puso ka esi e ka se thape batho botlhe.
Mo potsolosong bosheng, mogwebi yo wa Serowe, o ne a tlhalosa fa a simolotse kgwebo ka 2010 mme a itebagantse le go baakanya diketlele, dikgatiso le ditofo tsa motlakase, a re gape o tsenya dielemente mo diketleleng le mo diemereng.
Mogwebi yo, e ne ya re ka 2006 a kopana le rre mongwe mo khamphaning ya motlakase kwa Mahalapye e le mogolwane wa gagwe, e ne e re fa ba tshaisetse ba ye kwa lwapeng lwa rre yo ba ye go baakanya diketlele, e le gone jaaka a anywa botsipa.
Rre Tebatso a re ka go lemoga fa a anyilwe botsipa a bona go tshwanela go ipulela madirelo.
A re o ne a tsamaya mo metseng a kopa diketlele tse di senyegileng mme a di tlhabolole a bo a di rekisa.
A re kgwetlho ya gagwe ke go tlhoka lefelo le a direlang mo go lone, jaanong go mo patika gore a tsamae mo motseng go ipapatsa.
O ne a tlhalosa gore ntswa a sa dire madi a a kalo, o tshwanelwa ke go reka dielemente ka tsone dipoelo tsa gagwe, a supa gore fa e ne e se gone o ka bo a direla Batswana bontle jo bo fetang jwa a bo dirang.
Mogwebi yo a re fa nne dingwaga di mo letla o kabo a ya go tsaa lenaneo la banana ka a bona banana ba ithetse moriti o tsididi ba sa inaakanye le mananeo a ba a diretsweng go itlhabolola.
Rre Tebatso a re o dirisa se e le bopaki mo botshelong jwa gagwe ka a kgonne go dira kgwebo kwa ntle ga dithuso dipe tsa mananeo a puso mme o kgonne go nyala ka dipoelo tsa gagwe.
A re gape le bana ba gagwe ga ba lale ka tlala, o kgona le gone go ba tsenya dikole.
O bile a rotloetsa Batswana gore mo botshelong ba seka ba tlhopa ditiro, segolo bogolo tsa diatla.
A re ba tshwanetse go inaakanya le ditiro tsa diatla ka gore di ka ba isa golo gongwe mo botshelong.
A re tiro ya diatla e tlhoka lorato le bopelotelele.
A re keletso ya gagwe ke gore goromente a sekaseke mananeo a a ka solegelang bagolo molemo, a re se se ka ba thusa go tlhama ditiro tse di ka hirang banana. BOPA
Source : BOPA
Author : Lesedi Kgosikhumo
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 22 Jun 2017






