Breaking News

Molao wa kabo-ditsha o tlaa sekasekwa

22 Jun 2017

Tona wa tsamaiso lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Prince Maele a re o ya go baya pele palamente paakanyo ya molao wa tsamaiso lefatshe.

Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa Manaledi, GooTau, GooSekgweng, Majwaneng, Lerala le Ratholo, Rre Maele a re mongwe ya melao e a eletsang go e fetola ke wa thekiso ya ditsha, bogolo jang kwa ditoropong le metse setoropo.

A re lephata la gagwe le lemogile fa ditsha di wela mo matsogong a batswakwa mme Batswana ba sale ba iphotlhere.

A re pele ga thekiso ya ditsha mo mafelong ao, mong wa setsha o tlaa bo a tshwanelwa ke go se bapasa mo dipampiring gore go fe Batswana sebaka sa go se ithekela go na le gore se rekisediwe motswakwa.

Fa godimo ga moo, a re lephata la gagwe le ntse le lopa madi a mantsi fa setsha se ntshiwa mo maineng a motho se tsenngwa mo go a yo mongwe

A re fa mme kana rre a tlhokafetse kgotsa ba kgaogane ka fa molaong, ba letlelelwa go fetolela setsha mo maineng a yo o santseng kana yo o filweng setsha morago ga kgaogano ba sa lopiwe madi ape.

A re lephata la gagwe le ntse le duela phimolo keledi e e kwa tlase fa le tsaya lefatshe mo bathong mme o ya go fetola molao gore phimolo keledi e dirwe go lebilwe ditlhwatlhwa tsa segompieno.

Rre Maele a re o ya go sutisa gore go fetolwe molao gore dikgosi di emise go supela batho mo dikgannyeng tsa dipeo tsa ditsha tsa bogologolo ka lephata la gagwe le nnile le dikgwetlho mo go direng jalo.

A re dikgosi tse dingwe di supa mo dipeong tsa bogologolo tse di saleng di bewa ba ise ba tsholwe, a tlhalosa fa Batswana ba tlaa fiwa sebaka sa dikgwedi tse thataro go supa le go tlhomamisa matlotla otlhe a batsadi ba bone palamente e sena go fetisa molao o.

A re morago ga dikgwedi tse thataro lefatshe le tlaa bo le le ka fa tlase ga lekgotla la kabo ditsha, a tlhalosa fa ba itemogetse gore fa puso e batla go dira ditlhabololo matlotla a simolola go nna le beng.

A re paakanyo ya molao o e ya go akaretsa kwadiso ya ditsha.

A re fa sebaka se se ka feta beng ba sa kwadisa ditsha, ba tlaa tseelwa dikgato.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa koporase ya metsi kwa Palapye, Mme Daphne Motsumi o rotloeditse banni ba metse e go somarela metsi le go tlhokomela dipompo tse di sielang setshaba metsi.

A re koporase e dirisa madi a mantsi go baakanya dipompo tseo.

A re koporase ya metsi e tsweletse ka go baakanya dipompo jaaka kwa Lerala le Majwaneng.

A re koporase e santse e le mo lenaneong la go baakanya dipompo tse di kwa Ratholo, a tlhalosa fa tse di neng di tsentswe di le motlhofo go senyega.

Banni ba lebogetse paakanyo ya molao e e tlaa bewang palamente e latelang pele.

Ba lebogetse gore go seka ga lopiwa madi ape fa banyalani ba fetola maina, ba re ba ntse ba sokola.

Banni ba metse eo ba lebogetse lenaneo la LG1109 le ka lone metse ya bone e filweng P625 000 go dira ditiro tsa ditlhabololo. BOPA

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Majwaneng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Jun 2017