Ramokwena o ipelege ka ditlhare
21 Jun 2017
Go tswa bogologolong Batswana ba itsege e le batho ba ba ipelegang, ba itirela ka diatla tsa bone go ka itshetsa le go thusa ba malwapa a bone.
Seo se supilwe ke Mme Modumo Ramokwena wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro wa motse wa Dibete yo o inaakantseng le temo ya ditlhare.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Ramokwena o tlhalositse fa go lema ditlhare a go dira a tlhotlheletswa ke lorato le a nang le lone la dijalo, mme gape a dira se go ka itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
Mme Ramokwena a re o sa le a inaakantse le go lema ditlhare ka 2000, a re o lema ditlhare tse di farologanyeng di akaretsa tse di kgabisang, tse di ka dirisiwang e le melemo le tsa maungo.
O boletse fa gona le dikgaisanyo tse a kileng a di tsenelela ka ngwaga wa 2003 le 2009 kwa Kgatleng, mme a ikgapela maemo a ntlha mo go tsone tsotlhe, a tlatsa ka go tlhalosa gore dikgaisanyo di ne di dirilwe ke ba lephata la dikgwa.
A re dikgaisanyo di akaretsa thulaganyo yotlhe ya go jwala setlhare, go baakanyetswa fa se jwalwang teng,tlhokomelo ya sone go fitlhela se tsena ko marekisetsong.
Mme Ramokwena o tlhalositse gore dikgaisanyo tse, di ne tsa mo fa sebaka sa gore a itsege ebile a rekise ditlhare tsa gagwe. Gape o ne a ikgapela didirisiwa tse di dirisiwang mo temong ya ditlhare.
A re ka ngwaga wa 2015, one a tsenelela dithuto tsa go jwala ditlhare kwa Sebele, tse di neng di rulagantswe ke ba lephata la dikgwa mme yare ka 2016, a tsweledisa jaanong a rutwa go rulaganya ditlhare tsa gagwe sentle.
A re ditlhare tsa gagwe o di nosetsa ka metsi a tlhatswang dijana le diaparo, mme o dira se a le podi matseba gore o dirisa metsi aa tsokotsang go itsa go bolaya ditlhare ka metsi a molora.
Mme Ramokwena are ditlhare di mmelege, ka gore ga a lale le tlala gape o kgona go tsenya bana ba gagwe sekole.
A re ditlhare tsa gagwe di simolola ka masome a mabedi le botlhano a dipula go ya go felela ka dipula tse di masome a supa. BOPA
Source : BOPA
Author : Moleleki Tsholofelo
Location : Dibete
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2017






