Breaking News

Dirang tshekatsheko ya dikgwebo

21 Jun 2017

Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng o kopile Batswana go dira ditsheka tsheko le dipatlisiso pele ba dira dikgwebo.

Rre Olopeng, yo eleng Tona ya Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao, o buile seo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mabesekwa ka Lwabobedi. O ne a supa fa mananeo a batho ba a kopileng mo pusong, a phutlhame.

O ne a gatelela ka gore kgwebo nngwe le nngwe e tlhoka go seka sekwa pele ga e ka dirwa, mme gape a re fa ba dira jalo, ba lebelele dipalo tsa batho ba ba nnang mo lefelong leo, ka le sone seo se botlhokwa go bona gore a lenaneo le ka atlega.

A re mo gongwe o fitlhela dikgwebo tse di tshwanang mo motseng di le lesome, mme tsotlhe di lebile palonyana ya batho ba ba sa tseneng mo seatleng mme seo se dire gore dingwe di felele di phutlhama.

O ne a kopa batho ba motse oo go ema ka dinao go thusa puso go tlhabolola matshelo a bone.

Tona Olopeng o ile a lekodisa banni bao fa tsela ya Tonota-Mabesekwa e tla tshelwa lekgarapana ka kgwedi ya Phatwe monongwaga, a tlhalosa fa dithulaganyo di tsweletse tsa go e dira.

O tlhalositse fa motlakase o le mo tseleng mme bothata e santse e le tlhaelo ya madi, a ba kgothatsa go nna ka tsholofelo ka ebile motse wa bone o sa ntse o le mo lenaneong la go gokelwa motlakase.

Tona Olopeng gape o supile fa motse wa Mabesekwa e le lefelo la phulo, mme bothata e le metsi, a re ene le mokhanselara wa kgaolo eo ba tla leka ka bojotlhe go dira gore sediba se se mo motseng se pompiwe ka maranyane a letsatsi gore se kgone go thusa barui.

E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi ya Mabesekwa, Kgosi Tshwaro Masisi a bolela fa mananeo a nyeletso lehuma a batho ba neng ba a kopile ka bontsi a phutlhame.

Kgosi Masisi o kaile fa seo se ka tswa se dirilwe ke go tlhoka go fa bogakolodi ke batho ba ba tsamaisang mananeo ao.

O ile a ikuela gape ka letlhoko la motlakase mo motseng, a re ba tswa kgakala ba lela ka kgang eo, mme a re ebile ba kile ba nna le tsholofelo ya gore sengwe se tla dirwa morago ga go bontshiwa gore motlakase o tla ralala motse jang.

Rre Jenamiso Batisane ene o ne a kopa gore dikatso tsa badiragatsi di okediwe bogolo jang ba ba diragatsang ba le setlhopha, a re madi a bone a manyennyane fa go tshwantshanngwa le motho a diragatsa a le nosi.

Fa a araba mangwe a matshwenyego a banni, Rre Olopeng o ne a supa fa kgang ya dikatso tsa badiragatsi ba ba diragatsang ba le setlhopha e le boikuelo jo ba setseng ba bo amogetse mo ofising ya gagwe . BOPA

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jun 2017