Koko ya Opinton e bogadi bo gaufi
21 Jun 2017
Monana wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano kwa motseng wa Tsetsebjwe, Rre Ishmael Mogaetsho a re koko ya mofuta wa Opinton e bogadi bogaufi e bile tlhwatlhwa ya yone e kwa godimo.
Rre Mogaetsho o tlhalositse mo potsolotsong fa a simolotse go rua dikoko tsa mofuta wa Opinton ka ngwaga wa 2014.
O boletse fa lorato la gagwe mo dikokong tsa mofuta o lo tsile morago ga gore a lemoge kafa koko e, e kgonang go emelelana le malwetse ga mmogo le kafa e leng tlhwathwa e e ko godimo ka teng fa e rekisiwa.
A re koko ya Opinton e rekwa ka P50 fa ele nnye, e namagadi ke P300 fa mokoko one o rekwa P500
O boletse fa mo nakong ya gompieno a ruile dikoko dile masome a matlhano tsa mofuta wa Opinton.
Rre Mogaetsho a re, ka go tlhoka lefelo le aka ruelang dikoko tsa gagwe mogo lone o feletse a ikanya go ruela kwa merakeng mme a tlhalosa fa a setse a kgona go tlhokomela ba lelwapa la gagwe ka thekiso ya dikoko.
Rre Mogaetsho a re o rekisa dikoko tsa gagwe di santse dile dinnye lefa di godile.
O boletse fa a setse a rekile motshine oo elamang mae go itsa dikoko tsa gagwe tsaya nako go elama mo go ka dirang gore di seka tsa baya mae ka bonako. BOPA
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Tsetsebjwe
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2017






