Se gatakeng ditshwanelo tsa batho
21 Jun 2017
Kgosi Rapula Bampusi wa kgotla ya Riverside kwa Maun o rotloeditse morafe go tlotla ditshwanelo tsa setho. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng, kgosi o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa batho bangwe mo sechabeng ba ba gatakang ditshwanelo tsa setho ka go ba tsola diaparo, le go ba keteka e le tsela ya go supa fa ba sa rate kana ba sa amogele se bangwe ka bone ba se dirang kana se ba leng sone.
O kgadile kgatlako ya ditshwanelo tsa setho e mo go yone e rileng a fa sekai ka mme mongwe o nneng a tsolwa diaparo kwa mapalamelong a dibese le badira melato bangwe ba ba tshwarwang ba leka go ikadima kana ba ikadimile dithoto tsa batho kwa marekisetsong mme ba felele ba ketikilwe le go tsolwa diaparo ke sechaba pele fa ba sepodise ba goroga.
O tlhalositse fa go itseela molao mo diatleng ka go tsola batho bao, go ba ba betsa, le go ba kgoba ka mafoko e le tsela ya go ba sotlaka go felelela go beile matshelo a bone mo diphatseng. “Fa legodu le ka tshwarwa mo marekisetsong, batho ba tla ba tabogile ka maikaelelo a go batla go le keteka mme go nne go ka nna molemo fa ba ka tshwara legodu leo ba mo neela ba molao kwa a tla atlholwang teng go na le go mo apola le go mmetsa,” ga bua kgosi Bampusi.
Kgosi o tsweletse a supa fa go gataka ditshwanelo tsa setho ka mokgwa o wa go apola le go keteka go na le ditlamorago tse di botlhoko mo motsweng setlhabelo ka seo se tlisa maikutlo a a wetseng tlase ka go bo a tsotswe ditswalo batho ba mmonetse dikarolo tsa sephiri.
“Motho o kgona go felela a ikgapetse botshelo ntateng ya gore o a bo a sa tlhole a ipona a na le boleng le mosola wa go ka tshela mo sechabeng fa a sa bone bogakolodi, mme bao ba ba mo sotlakileng jalo go sa ba ame ka tsela epe ebile ba lebale ka tiragalo eo, kana modirwa ga a lebale, go lebala modirwa”, ga bua kgosi.
Kgosi Bampusi o supile fa mokgwa o wa go betsa, go apola le go sotlaka batho mo mebileng o kgona go baka dintsho, makoa le dikgobalo tse di masisi kana bogole se se felelang se tlama puso go tlhokomela batho ba mofuta oo.
A re batswa setlhabelo ba ka felela a tshelela mo letshogong mme ba nne ba iphithile ba tshaba go tsamaya mo gareng ga sechaba fa ba diragaletswe ke ditiragalo tsa go nna jaana. A re fa batho bao ba ka tswelela ba tshegeditse mokgwa o, ba tlaa iphitlhela ba tsene ka kgolegelo mme seo se bee matshelo a bone kafa mosing.
Kgosi Bampusi o tsweletse a supa fa go tsola batho diaparo le go ba keteka e se mokgwa o siameng ebile go le diphatsa ka go bo bangwe ba kgona go anamisa ditiragalo tseo ka maranyane a segompieno mme mongwe le mongwe mo lefatsheng a felele a bone tshotlako eo.
A re mokgwa o, ga se mokgwa o ka bopang kgotsa wa tshwaraganya sechaba fa e se go se thuba ka bangwe ba ka se dumalane le one mme go bake dikgotlhang mo gare ga batho. “a batho ba dire dilo tse di tla a solofelang dikokomane tsa ka moso molemo, fa go tsola le go keteka batho e nna tsela ya go kgalema, dikokomane tse di tlang di tla a tsaya gore mokgwa o ke tsela e e siameng mme ba dire jalo le bone ka thako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng”, ga bua kgosi. O tsweletse a supa fa seemo se se ka rarabololwa fela fa batho ba mokgwa o, ba ka begelwa ba sepodise gore le bone ba tseelwe dikgato tse di maleba.
“ Ditiragalo tsa mofuta o di diragalela mo mebileng kana kwa marekisetsong mme go le gantsi di dirwa ke batho ba le setlhopha ka ba bo ba tseela gore ga ba kake ba tshwarwa kana ba lemogiwa ke ba sepodise”, a tlhalosa.
A re se sengwe gape ke gore batho fa ba ka bona sengwe se sa siamang ba begele ba sepodise go na le go itseela molao mo diatleng tsa bone. “fa legodu le tshwerwe mo marekisetsong kana gope fela a le tshegediwe le fiwe ba sepodise go na le go tsolwa diaparo le go ketekwa, motho mongwe le mongwe o na le ditshwanelo go sa kgatlhelesege gore ke modira molato kana jang ”, ga bua kgosi Kgosi Bampusi o tsweletse a tlhalosa fa batho bangwe ba tshwanetse go amogela batho bangwe mo sechabeng jaaka ba ntse, ba seka ba leka go fetola ditumelo tsa bone le ka fa ba tshelang ka teng ka mokgwa one o.BOPA
Source : BOPA
Author : Matshelo Billy
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 21 Jun 2017






