Breaking News

Mopalamente o gakolola banana

21 Jun 2017

Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane Rre Ngaka Ngaka o rotloeditse banana ba motse wa Khekhenye go tla ka megopolo e e kaba thusang go tokafatsa matshelo a bone.

E rile a buisa banana bao mo thuto-seka-dipuisanong ee neng e tshwaretswe kwa motseng oo bosheng, Rre Ngaka one aba tlhalosetsa fa lefatshe leno le lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro, mme ka jalo aba kopa go itlhamela dikgwebo gore batle ba tokafatse matshelo a bone.

O ne a supa fa puso e ntshitse mananeo ale mantsi mme jaanong gole mo maruding a banana go bona gore baka tsaya afe. 

O ne aba gakolola go tlhopha mananeo a ba bonang ba na le bokgoni mo go one, a kaya fa a tshwenngwa dipego tsa gore banana ba tlogetse dikgwebo tsa bone go phutlhama ntswa bane ba ikanne go di somarela.

Rre Ngaka a re maikaelelo a gagwe ele moemedi wa kgaolo ke go bona mongwe le mongwe a tshela botshelo jo bo nametsang. 

E rile a latlhela la gagwe modiri go tswa kwa ofisisng ya banana kwa Letlhakeng Mme Oakantse Matjologwe one a kopa banana go inaakanya le dikgaisanyo tsa metshameko le bodiragatsi  tsa dikgaolo.

Mme Matjologwe o ne a supa fa ba lemogile fa banana ba motse wa Khekhenye ba na le bokgoni mo go tsa bodiragatsi ka go farologana go akaretswa mmino wa Setswana le go letsa diletso tsa setso jaaka katara le digaba mme sebe sa phiri ele gore ba goga dinao go tsenelela dikgaisano tsa dikgaolo.

O ne a tswelela ka go supa fa banana ba inaakantse thata le nnotagi mme a ba gwetlha go inaakanya le metshameko ya dikgaolo e tshwana le ya kgwele ya dinao le bodiragatsi.

Mme Matjologwe o ne gape a supa fa banana ba motse oo bale maoto a tshupa go kopa dithuso tsedi fiwang banni ba metse ee kgakala le ditlamelo jaaka dikgaisano tsa bo mmabontle.

O ne aba kgothatsa go tsaya dikgaisano tseo tsia ka di ka ba betlela bokamoso mo isagong. Mo godimo ga moo one a supa fa metshameko e aga setho gape e le botlhokwa mo go itshidileng mmele le go thusa motho go ikgapha mo dihaweng.

Mongwe wa banana baba akotseng mananeo a puso Mme Bamponye Lekokomane le ene one a gwetlha banana ka ene go ikemela ka dinao go tsaya mananeo gore batle ba itshetse.

O supile fa a neetswe madirelo a go ntlafatsa moriri mme e le one a tsenyang madi ka one. 

O boletse fa a kopana le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya didirisiwa mme a supa fa se se sa mo kgobe marapo go tswelela le kgwebo ya gagwe. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Boago Gaoatswe

Location : Letlhakeng

Event : Thuto puisano

Date : 21 Jun 2017