Megale e tshegeditse ngwao
20 Jun 2017
Setlhopha sa banana sa mmino wa dikhwaere sa Megale kwa Taung mo kgaolong ya Borwa Botlhaba se ikaelela go tshegetsa ngwao ka mmino wa dikhwaere.
Moeteledipele wa setlhopha se, Mme Tshegofatso Mmualefe o tlhaloseditse BOPA fa maikaelelo a bone e le go busetsa mmino wa dikhwaere mo dinakong.
A re pele go ne go tlwaelesegile gore dikhwaere di opelwa ka keresemose fela, fa gare ga ngwaga o ka seke o di bone gope.
Mme Mmualefe a re Megale Choir e tlhamilwe ka 2014 ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatheng mme e ba rotloetsa go supa talente ya bone ka go bina le go opela.
A re ka go na le tlhaelo ya ditiro ba bone gore ba ikanye bodiragatsi ka ba ka hirwa mo meletlong e e farologanyeng.
Mme Mmualefe a re gape setlhopha se, maloko a sone ke batho ba ba sa berekeng, e bile bangwe ba sa tsene dikole mme se ba kgapha mo botlhokatsebeng.
O tlhalositse gore mo mminong wa dikhwaere ba ipela ka setlhopha sa Borakalalo go tswa kwa Digawana.
A re setlhopha seo ke sone se dirileng gore setlhopha sa bone se tsenye mashetla mo go se ba se dirang.
Mme Mmualefe o lebogile Kgosi Lebogang Masie wa Taung, go bo a nnile le seabe se segolo mo kgolong ya bone.
A re Kgosi Masie o ba rotloetsa thata, selo se a reng se ba tiisa moko.
Dikgwetlho tse di ba lebaneng a re di akaratsa tlhaelo ya madi go reka paka.
O kgothaditse Batswana go tshegetsa ngwao, a supa fa dikhwaere e le sengwe sa dilo tse di ka thusang le ba ba tswang kwa tlase gore ba e fitlhele mme le bone ba nne le se ba ipelang ka sone. BOPA
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : Taung
Event : Potsolotso
Date : 20 Jun 2017






